Breaking News

Mmopane Gaphatshwa ba lela ka tsela

13 Jul 2022

Banni ba Mmopane le Gaphatshwa ba kopile puso go tshela tsela ya Mmopane Block 1 sekontere ka e se mo seemong se se eletsegang e bile e ba kgamisa lerole.

Ba re ga ba bolo go leta ba ntse ba solofediwa gore tsela eo e tlaa dirwa, nako kgolo ke eno.

Banni ba buile jaana mo diphuthegong tse di sa tswang go fela tse di neng di buisiwa ke Mopalamente Nnaniki Makwinja bosheng.

Banni ba ikuetse gape mo go Mopalamente ka borukutlhi jo bo ileng magoletsa jo ba reng bo gakadiwa ke dikgwa tse di mo metseng eo.

Ba re dikgwa tseo di beile matshelo a bone mo diphatseng ka dirukutlhi di iphitlha mo go tsone.

Rre Elias Senthufe a re kgang ya tshenyetso setshaba e bakwa ke gore go tsaya lebaka batho ba tsentse dikopo tsa go bewa lefatshe mme ba sa bewe.

O kopile puso go sekaseka kgang ya batho ba ba sa bolong go tsenya dikopo tsa go bewa lefatshe mme morago ba tlhokafale ba santse ba letile gore bogolo mogang dikopo tsa bone di atlegang di fiwe bana ba bone.

Banni bangwe ba lela ka dikgwebo tse di direlwang mo malapeng e se ka fa molaong mme di dirwa ke batswaka jaaka dikgwebo tsa go dira ditena.

Ba re dikgwebo tse di baya beng-gae ka fa mosing ka gore molao o seegetse kwa thoko dikgwebo tse dipotlana gore di tlaa dirwa ke beng-gae.

Fa a tsibogela dingongora, Mme Makwinja o boletse gore tsela ya Mmopane Block 1 e tlaa dirwa, a re go setse go dule thendara ya go dira moalo wa tsela eo gore morago e tle e dirwe.

Fa a akgela ka borukutlhi jo bo ileng magoletsa a re khansele-potlana ya Mogoditshane/Thamaga e solofeditse go tsenya dipone tse di gasang tse di dirisang marang a letsatsi go fokotsa lefifi.

O ne a ba itsese ka ditlhabololo tse di tlaa dirwang a re mo kgaolong ya bone go kopilwe sekole se segolwane mo ditogamaanong tsa NDP12 tse di simololang ngwaga o o tlang.

Mme Makwinja a re go kopilwe gape sekole sa ithutelo tiro ya diatla mo Mmopane le Metsimotlhabe.  

A re go kopilwe ditlhabololo tsa ditsela mo Mmopane gammogo le kgopo ya metsi a a leswe le mesele ya metsi a pula.

E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa khansele-potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Ofentse Mafoko o solofeditse gore mo lebakeng le le khutshwane khansele e tlaa simolodisa letsholo la go lefisa dikgwebo tse di direlang mo malwapeng mme e se ka fa molaong.

A re go dira jalo e bile go tlaa thusa go direla khansele letseno.

Mokhanselara wa Gaphatshwa/Mmopane Block 1, Rre Moemedi Mokgachane ene a re kgang ya sekgwa se se mo motseng e mo maruding a banni ba motse.

A re o ba rotloeditse gore ba diragatse mogopolo wa go phepafatsa tikologo e ba nnang mo go yone ba reme ditlhare mme ba dire se ka mowa wa boipelego ka gore puso ga e kake ya kgona sengwe le sengwe.

Ka jalo o ba gwetlhile gore ba ikgantshe ka bophepa jwa tikologo ya bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phuthego

Date : 13 Jul 2022