Banna ba le bararo ba belaelwa ba itlhabisitse namane
13 Jul 2022
Mapodisi a Nata a tshegeditse banna ba le bararo mabapi bogodu jwa leruo kwa Zoroga.
Mo puisanong le BOPA ka Labobedi, mogolwane wa mapodisi ao, Superintendent Vincent Pitsietsile o boletse fa banna bao ba dingwaga tse di masome matlhano le bobedi, masome mararo le bongwe le wa tse di masome mabedi le bosupa ba tshwerwe morago ga go lelka dikgomo ka dipitse kwa mahudisong ka Mosupologo gone kwa Zoroga ba bo ba tshwara namane ba e bolaya ba kgaogana dirwe tsa yone.
Supt Pitsietsile a re modisa wa dikgomo tse namane ya tsone e bolailweng ke ene a neng tsibosa mapodisi ka tirigalo eo.
A re ba sepodisi ba ne ba potlakela kwa tiragalong mme ba kgona go tshwara babelaelwa ba le babedi wa dingwaga tse masome mararo le bongwe le wa tse di masome mabedi le bosupa.
A re monna yo mogolwane mo babelaelweng wa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi o ne a le botsa phokoje mme morago mapodisi a kgona go mo tshwara.
Ramapodisi a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse mme fa babelaelwa ba ka bonwa molato ba lebaganwe ke kgolegelo ya dingwaga tse tlhano mongwe le mongwe wa bone.
O tlhalositse gore bogodu jwa leruo mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi bo a tshwenya ka magodu a lemogile gore gantsi barui ga ba nne kwa merakeng ba tlogeletse badisa go ba tlhokomelela mme ebile badisa ga ba tlhaole marole mo go bommaao, ka jalo ba tsaya one ba tlogedisa bo mmaaone. Ends
Source : BOPA
Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga
Location : Zoroga
Event : Potsolotso
Date : 13 Jul 2022