Lephata le tlhaelelwa ke babelegisi
12 Jul 2022
Ka Calviniah Kgautlhe
WERDA - Baoki ba rotloediwa go ithutela go belegisa ka jaana baoki ba mofuta oo ba tlhaela Botswana ka bophara.
Mokwaledi wa Lephata la Botsogo, Mme Grace Muzila o ntshitse kgothatso e ka nako ya fa mothusa tona wa Lephata la Botsogo, Rre Sethomo Lelatisitswe a neng a ile go lekola kokelo le dikokelwana tsa Werda, Kokotsha le Tsabong bosheng.
A re go na le letlhoko le lentsi la babelegisi, ka jalo go botlhokwa gore baoki ba ikoketse dithuto go tokafatsa kanamiso ya ditlamelo tsa botsogo mo setshabeng.
Mme Muzila o ne a supa gore go thiba phatlha ya tlhaelo eo, lephata le tsweletse ka go thapa babalegisi ba ba tlogetseng tiro ka bogodi, mme ba le ka fa tlase ga dingwaga tse di masome marataro le botlhano, ka go ba fa seelo sa pereko sa ngwaga.
Ka jalo, Mme Muzila a re go botlhokwa gore dikokelo tse di nang le tlhaelo ya bodiredi jwa mofuta o, di tsenye dikopo.
“A re seka ra emela gore ba ba neng ba tshwere ba tsamae, e bo e le gone go ka kopiwang.
A go dirwe ikopelo nako e sale teng gore go seka ga nna le tlhaelo ya ditirelo,” a tlhalosa.
A re go na le selelo sa gore babereki bangwe ba botsogo ba gana go tla go berekela kwa Kgalagadi, ka a tlhaela ditlamelo dingwe.
A re seemo seo se a tshwenya, ka jalo a kopa babereki gore ba tswe ka ditselana dingwe tse di ka rotloetsang ba bangwe go tla go berekela mo dikgaolong.
O ne a supa gore baeteledipele ba tlaa atla ba bo ba betla ditsela tsa go diragatsa megopolo e mentle eo gore babereki ba kgatlhegele go direla kwa Kgalagadi.
A re letlhoko la ditsela mo kgaolong eo le a tshenya, ka dikoloi tse di rwalang balwetse di nna di senyegile.
A re go ka dirwa gore babereki ba fapaanngwe kgapetsakgapetsa gore ba bangwe ba seka ba lelela ruri.
E re ka kgaolo eo e le bophara, o ne a rotloetsa gore mo go tsa pelegi go ka dirwa gore bomme ba ba itsholofetseng mme ba nna kgakala le kokelo, ba atamediwe gaufi le dikokelo ka nako ya fa ba le gaufi le go belega.
E re le ntswa go na le dikgwetlho, Mme Muzila o akgoletse baoki go dira ka natla go neela banni ba metse eo ditirelo le mekento ya COVID-19.
O ne a ba lebogela go itsetsepela ka nako e e thata ya segajaja sa COVID-19 go dira tiro ka botlalo.
A re ba dira jalo ba na le dikgwetlho tse di ba lebanyeng tsa go bereka mo kgaolong mme go a nametsa gore ba bo ba ne ba kgona go ntsha maduo.
O ne a ba tlhatlhelela gore go botlhokwa gore babereki ba tswelele ka go tokafatsa matshelo a bone, go itsa go tsenwa ke malwetse a a sa tshelanweng, le a tlhaloganyo.
A re ba inaakanye le go dira tse ba di ratang le go nna ba ikoketsa dithutego.
Fa a tswa la gagwe, Rre Lelatisitswe o ne a leboga badiri ba botsogo gore ba ne ba seka ba naya tshwene marapo, ba dira ka natla go lwantsha bolwetse jwa COVID-19 jo bo ritibetseng mo nakong eno.
Mothusa tona o gakolotse gore ‘botshelo bo tshwanetse jwa tswelela le fa babereki ba lebagane le dikgwetlho’.
O ne a tlhalosa gore mathata a nna a le teng mme go tlaa tswelelwa go ntse go baakanngwa.
Rre Lelatisitswe a re puso e tsweletse ka go leka ka gotlhe go bona gore baoki ba bona matlo a boroko.
A re jaanong go lwantsha bolwetse jwa COVID-19 go tlaa tsena mo legatong le lengwe le mo go lone Lephata la Botsogo le tlaa phatlalatsang mekento ya tlaleletso ya bobedi le ya boraro le ya bana.
O ne a ba rotloetsa go tswelela ba dirisanya sentle le setshaba go boloka matshelo.
O ne a tlatsa ka go re go botlhokwa gore ba botsogo ba ntshe ditirelo sentle ka dinako tsotlhe mme ba fokotse dingongorego go tswa kwa setshabeng, ka go dira tiro ya bone ka manontlhotlho ka dinako tsotlhe.
A re go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19 go bontshitse boeteledipele jwa lephata leo gore le tlhokana le go tokafatsa mehama efe, ka jalo ba tlaa isa babereki go ya go ithutuntsha go tokafatsa ditirelo.
O ne a supa gore bangwe baoki ba tlaa ithutuntsha go nna dingaka, ba bangwe ba itlatse go ntsha ditirelo tse dingwe tsa botsogo.
A re ka jalo go botlhokwa gore ba ikwadisetse dithuto tse di farologaneng tse di anamisitsweng mo bosheng gore ba nne le boitseanape jo bo rileng.
Mogolwane wa kokelo ya Werda, Mme Dineo Rankwaila o lebogetse gore jaanong kokelo eo e atolositswe go bula bosigo le motshegare, mme a re go santse go na le tlhaelo ya bodiredi le ditsompelo.
A re go na le tlhaelo ya boroko le gore matlo a borobalo a a teng a tlhoka go baakanngwa, ka bontsi a setse a onetse.
Mme Rankwaila a re go na le matshwenyego a babereki ba ba ntseng lobaka golo go le gongwe, ka bangwe ba sena kgatlhego ya go direla mo Kgalagadi gore ba fapaane le ba bone.
A re seemo seo se dira gore ba ba mo kgaolong ba seka ba tia moko.
Gape a re go tlhatloga maemo go tswa kwa go C1 go ya kwa go D4 go tsaya lobaka, ka jalo a kopa gore kgang eo e akofelwe.
Mogolwane wa komiti ya ditlhabololo ya motse oo, Mme Keipeile Thumpe a re motse o a gola mme go santse go na le tlhaelo ya dikoloi kwa kokelong.
O ne a supa gore mo nakong eno motse o santse o sena ngaka ka mabaka a letlhoko la boroko.
O ne a kopa gore go nne le dingaka tse pedi gore fa yo mongwe a ya malatsing a boitapoloso, yo mongwe a sale.
O bile a kopa gore go baakanngwe kokelo eo go bo go okediwe bodiredi le babelegisi.
Mme Thumpe a re matlo a baoki ke a bogologolo, ka jalo a tshwanetse go tlhabololwa.
O ne a kopa gore tsela yalokgarapana e e kopanyang Werda le Bray e baakanngwe ka gore e senya dikoloi tsa puso le tsa morafe.
Fa a araba, molomaganya ditirelo tsa botsogo mo Kgalagadi Borwa, Mme Gaboelwe Rammekwa o ne a re ba tshwere ka natla go rarabolola letlhoko le le mo kgaolong eo.
A re Kgalagadi o latlhegetswe ke babereki ba botsogo ba le babedi ka nako ya segajaja sa COVID-19. Bokutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Werda
Event : Loeto
Date : 12 Jul 2022