Breaking News

Moruti Kgapo wa UCCSA o amogela pitso

12 Jul 2022

Tiro ya boruti e bokete, ka e tlhoka boineelo, bopelotelele le go fiwa ka maikarabelo a a tlhomameng gore phuthego e nne le tshepo le kgolo.

Ka jalo moruti o tshwanetse go nna sekao mo go ba a ba eteletseng pele go rotloetsa ledula le lerato, le go nna tlhaga mo tirong ya gagwe ka go dira jalo go ka boloka setshaba.

Se se builwe ke Reverend Mosweu Simane bosheng jaaka a ne a tlhoma semmuso Moruti Mokgweetsi Kgapo go nna modiredi wa lefoko la Modimo le Itshepiso kwa kerereng ya United Congregation Church of Southern Africa ya Mahapye.

Reverend Mosweu Simane o tlhalositse fa bodiredi jo, bo tlaa bo bo itebagantse le thuto ya lefoko, go gakolola bakaulengwe le go ba rotloetsa go ineela mo Modimong ka e le ene mmoloki.

Ka jalo, o rotloeditse Moruti Kgapo go nna kelotlhoko mo go se a se rutang go netefatsa gore o boloka setshaba.

O gakolotse Moruti Kgapo go nna motlhanka yo o boikanyego le gore a seka a tlhabisa Modimo ditlhong.

 A re o solofela fa a tlaa dira tiro ka botswapelo a bo a godisa le phuthego.

Moruti Kgapo o tlhalositse fa a goletse mo kerekeng ka thotloetso ya batsadi, mme a tshwara fela jalo go fitlhelela a gola a bo a kgatlhegela go bereka le baruti.

O tlhalositse fa a ne a lemoga fa a na le pitso, mme a ithutela boruti ka a ne a bereka ditiro tsa kereke ka bontsi, a direla mo diphuthegong tse di farologanyeng e le moreri wa lefoko.

Morago ga dingwaga tse pedi, a re o ne a isiwa Mahalapye a ntse a lebeletswe go fitlhelela mo nakong ya gompieno.

Moruti Kgapo o lebogetse baruti botlhe ba ba neng ba mo eme nokeng mo leetong la gagwe la boruti, le botlhe ba ba mo agileng.

O lebogile gape le baruti ba bomme go bo ba mo eme nokeng mo tirong ya gagwe a bo a itlama go tswelela a direla Modimo ka botswapelo le bonatla.

E rile a ntsha la gagwe, Mme Matlhogonolo Letsatsi a bolela fa  ba simolotse go bereka le Moruti Kgapo ka 2020  o simologa, mme dipalo tsa phuthego tsa fokotsega ka lebaka la segajaja sa COVID- 19.

A re tiragalo eo ga e a ka ya kgoba Moruti Kgapo marapo ka a ne a nna  pelotelele a lwantshana le dikgwetlho.

O tlhalositse fa moruti e le motho yo o bonolo,  a bo  a netefatsa gore bagolo ba diphuthego ba a tsoga e bile ba tsenelela ditirelo tsa kereke sentle, a ruta le batiakone gore ba dire tiro ya bone sentle.

Mme Letsatsi o supile fa moruti e le motho yo o kgathalang ka batho botlhe e bile a netefatsa gore o bona phetolo fa a ntshitse thomo.

O lebogetse boora Kgapo go ba gololela moruti go ba direla, a leboga le phuthego ya Mahalapye go bo e na le seabe mo kgolong ya phuthego ya bone.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso, Moruti Keleneilwe Kgerethwa o tlhalositse fa moruti a tshwanetse go tshela mo go faphegileng, a direla ka tlhompho le tlhomamo go sa kgathalasege gore dikgwetlho di ntse jang.

Moruti Kgerethwa o rotloeditse Moruti Kgapo go rata batho botlhe ka metlha yotlhe, a bo a mo gakolola go tlotlomatsa serodumo sa boruti le go tsisa kgololesego mo bathong ka moruti a bileditswe go nna mogaka wa kagiso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : Mahalapye

Event : Peo ya moruti

Date : 12 Jul 2022