Dikomiti tsa Ditlhabololo Di Aga Metse Selegae
11 Jul 2022
Lephata la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba le sa tswa go rutuntsha le go suga maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya kgaolo eo, a a sa tswang go tlhophiwa bosheng.
Kwa thuto-puisanyong e e neng e tshwaretswe kwa Masunga kgwedi eno e supa, dibui ka go farologana di supile fa dikomiti tsa VDC di le botlhokwa ka e le tsone pinagare mo go diragadiweng ga ditlhabololo mo metseng.
Fa a bula semmuso thuto-puisanyo eo, mookamela lephata la boipelego la khansele, Mme Leagile Pusoentsi o gateletse botlhokwa jwa di VDC, a re ntswa tiro ya bone e le ya boithaopo, e tona ka ba di goga kwa pele mo ditirong tsa metse.
O ne a akgola maloko a dikomiti tseo, a re go le gantsi ba dirisa nako e ntsi e ba ka bong ba e dirisa mo ditirong tsa malwapa a bone go dira ditiro tsa dikomiti, e le go supa fa ba eteletsa go direla setshaba kwa pele.
Ka jalo o ne a ba gwetlha go tswelela ba dira ka natla le gore ba seka ba kgojwa marapo ke lemmenyana le ba atswiwang ka lone.
O barotloeditse go diragatsa boikarabelo jwa bone ba sa sekamele ntlheng epe, mme ba thuse mongwe le mongwe ka tekatekano, ka go sa direng jalo go ka dia ditlhabololo.
Mme Pusoentsi o ne a supa fa ba itse ka dikgwetlho tse di lebaneng VDC, jaaka go sa dueleng sentle ke bahirisi ba matlo a bone, a kaya fa seo se tshwenya ka jaana matlo ao e le one a diVDC di ikaegileng ka one go ba direla letseno.
Fa a tlhalosa maikaelelo a thuto-puisanyo eo, modiri mo lephateng la boipelego, Rre Sethomo Rankwae o boletse fa e le go rutuntsha maloko ka ditsamaiso le melawana e e tsamaisang dikomiti tseo.
A re maikaelelo ke go lemotshana, go neelana kitso le motlhala wa ka fa ba tshwanetseng go diragatsa boikarabelo jwa bone ka teng, a gatelela botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe a itse boikarabelo jwa gagwe,
O supile fa go le botlhokwa gore go nne le tomagano le tirisanyo mmogo gareng ga bone le ba-na-le seabe ba bangwe mo ditlhabololong tsa metse le kgaolo ka kakaretso.
O ba gakolotse go nna ba kwatabolotsa mo go ba bangwe go anywa dikitso tse di sha, tse di ka ba thusang go isa metse le kgaolo kwa pele.
Modiri yo mongwe, Rre Thomas Mpenya o ne a tlhaba maloko a VDC podi matseba gore ba seka ba ikadima madi a komiti.
A re go a itirisetsa go ka ba bakela mathata a go iphitlhela ba le mo dibukeng tsa badira melato.
Fa ba tswa la bone, maloko a VDC a ne a supa fa a sa itumedisiwe ke badirela puso ka ba sa ba tlotle ntswa ba dira tiro ya boithapo ka botswapelo.
Ba ne gape ba supa bodiredi jwa boipelego ka monwana, ba re ga ba ke ba iponatsa mo diphuthegong tsa bone le mororo e le bone ba tshwanetseng go fa dikomiti bogakolodi jo bo tlhokafalang, ba botsa gore a go tsena diphuthego tsa bone ga bodiredi jo ke boikgethelo kgotsa jang.
Fa a tshwaela mo ngongoregong e, Mme Pusoentsi o ne a re bodiredi bo tshwanelwa ke go tsena diphuthego tsa diVDC, mme fela tlhaelo ya bodiredi le dikoloi di felela di ba ema pele. End
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Thuto-puisanyo
Date : 11 Jul 2022