Se Ikamogeng Lefatshe - mokhanselara
11 Jul 2022
Mokhanselara wa Salajwe Rre Lopang Sebutlenyane a re molao o mosha wa go duelela ditirelo tsa kabo lefatshe o ya go babalela Batswana ba ba saleng ba kgalemelelwa go rekisa lefatshe, mme ba tswelela ka go le ikamoga.
O tlhalosistse fa molao o, o ya go babalela Batswana le fa ba batla go neela bana ba bone lefatshe, a kopa Batswana go emisa go ikamoga lefatshe bogolo ba le hirise, go itsa boramadi go le ba amoga.
O buile jaana kwa phuthegong ya kgotla kwa Salajwe e e neng e buisiwa ke lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng bosheng.
Modulasetilo wa lekgotlana leo Mme Serwalonyana Manyaapelo o tlhalosistse fa molao o o ntseng o dirisiwa e le wa 1968, mme o fetotswe go tsamaelana le diemo tsa gompieno.
Ka jalo ditirelo tsa kabo ditsha simolotse go duelelwa.
Mme Manyaapelo o ne a tlhalosa fa e rile ka 2015, ga fetolwa molawana wa gore banyalani ba ka ikopela setsha mongwe le mongwe wa bone, mme wa simololwa go dirisiwa ka 2019.
O tlhalositse fa molao o tlama ba lekgotlana la Kabo Ditsha go rerisanya le ba bogosi le makhanselara go itirela melawana e e ka ba thusang go tsamaisa lefatshe.
O tlhalositse gape fa lekgotlana la kabo ditsaha le tlaa fetisa ditiro le dithata tsa go dira ditiro kwa maphateng a mangwe go fefosa ditirelo fa tona a letlile.
Mme Manyaapelo o boletse fa molao o tlama botlhe ba ba abetsweng ditsha go di kwadisa.
O boletse gape fa molao o tlama Motswana gore fa a batla go fetisetsa lefatshe kwa mongweng e le motswakwa, a le anamise mo pampiring ya dikgang malatsi a le masome a mararo pele ga a le fetisa, gore Motswana yo o nang le kgatlhego a itshupe.
O tlhalositse gore pele ga o fetisa lefatshe o ya go le kanoka pele, o bo o ya kwa go ba makgetho go kwadisa, mme ba supe gore ba goga lekgetho la bokae mo go yo o le abang.
Modulasetilo o tlhalositse fa lekgotlana la kabo ditsha le neelwa dithata tsa go gapa ditsha mo Batswaneng fa e le gore lefatsge leo ke le le ka tswelang setshaba mosola, a supa fa ba ikopanya le mong wa lefatshe leo go lekodisiwa ka maikaelelo a go le gapa mme a phimolwe keledi.
Mme Manyaapelo o tlhalositse fa nnete e le gore motho o fiwa lefatshe gore a le tlhabolole a bo a le dirise dingwaga di le masome a a robang bongwe le borobangwe, ka jalo e a bo e se la gagwe e le la puso le kabo ditsha.
Mokwaledi wa lekgotlana la kabo ditsha kwa Letlhakeng Mme Ineeleng Kwerepe o tlhalositse fa ditirelo tse di simolotse go duelelwa ka Moranang, le ntswa molao o dirilwe ka 2018.
Go kopa setsha go tlaa duelelwa P50, go fetisetsa setsha kwa go yo mongwe go lopa P3 000, fa go kopa setlankana o ne o se filwe e le P1 500, go kopa dintlha tsa phuthego ya fa o fiwa setsha go duelelwa P10 tsebe nngwe le nngwe mme fa o timeletswe ke mekono o duela P500.
Go fetolela setsha sa boswa go tla a duelelwa P200.
Banni ba Salajwe ba ne ba supa fa ba sena se ba ka se fetolang fa molao o setse o dirilwe.
Bangwe ba ne ba kopa gore fa ba kabo ditsha ba ba gapela lefatshe ba ba fe le lengwe, ka gore motho o kgona go felela a dirisitse madi dilo di sele mme a felele a sena bonno.
Bangwe ba ne ba botsa gore a le bana ba masiela le batlhoki ba a duela fa ba fetolela maina a boswa kwa go bone.
E rile a araba, mokwaledi wa lekgotlana la kabo ditsha, Mme Kwerepe, a supa fa batlhoki le masiela ba na le thulaganyo ya go thusiwa.
Mme Kwerepe o ne a tlhalosa gore fa Motswana a tseelwa setsha go tlaa buisanngwa, mme bontlha bongwe ke gone gore ba dumalanw gore a o batla go fiwa setsha kana go neelwa madi. End
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : SALAJWE
Event : Kgotla meeting
Date : 11 Jul 2022