Breaking News

Tlhokomelang dithoto tsa VDC

10 Jul 2022

Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (VDC) a gwetlhilwe go tlhokomela le go dibela boleng jwa dithoto tsa dikomiti.

Modiri wa ofisi ya khansele ya Bokone Botlhaba, e e itebagantseng le tsa mealo, matlo le tlhokomelo dikago, Rre Tirelo Phenyamere o ne a ntsha kopo e mo thuto-puisanyong ya maloko a VDC kwa Masunga bosheng.

Thuto-puisanyo eo, e ne e rulagantswe ke lephata la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba go rutuntsha maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya kgaolo eo, a a sa tswang go tlhophiwa bosheng.

Ithutuntsho eo, go tlhalosiwa e thusa maloko a VDC gore a kgone go diragatsa boikarabelo jwa one ka fa tshwanelong mo dingwageng tse tharo ba le mo ofising.

Rre Phenyamere o ne a gakolola maloko go netefatsa gore ba dibela boleng jwa matlo a bone, a re le fa go ka tswa go na le bangwe ba ba hirisitseng mo go one, ba dire thulaganyo le bone ya go nna ba tsena mo go one ba a sekaseka gore go kgonwe go tsibogelwa tshenyego e e ka tswang e le teng ntle le tiego.

A re ba ka itirela lenaneo la gore ba sekaseka matlo ao ga kae mo ngwageng.

A re fa matlo a nna a le mo seemong se se itumedisang, go ka ngoka bahirisi go tsena le go nna lobaka lo loleele mo go one, mme seo se thuse gore ba nne le letseno le le nametsang ka jaana a tlaa bo a nna a na le batho ka dinako tsotlhe.

Rre Phenyamere o ne a bo a rotloetsa diVDC go batla methale e mengwe ya go tsenya letseno mo letloleng, go na le go ikanya phiriso ya matlo a boroko fela.

Fa a tsibosa ka tlhokomelo le tiriso ya madi a VDC, mogolwane go tswa mo ofising ya tsa madi ya khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Gladness Mbambanyi o ne a supa botlhokwa jwa gore motshwara madi a nne a dira dipego tsotlhe tsa tiriso ya madi, e leng a a tsenang le a a tswang.

Mme Mbambanyi a re maloko a tlhomamise gore madi a tswa mo letloleng ba sena go go dumalana ka madi a a yang go ntshiwa.

O ne gape a tlatsa ka go ba gakolola kgatlhanong le go nna ba na le madi a mantsi mo letsogong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Thuto-puisanyo

Date : 10 Jul 2022