Breaking News

Go gogagogana ga dikonteraka go dia ditlhabololo

10 Jul 2022

Go gogagogana ga beng ba dikonteraka morago ga go ajwa ga tiro go dia ditlhabololo.

Mopalamente Fidelis Molao o boleletse banni ba Marapong le Sebina kwa kgaolong ya Shashe Bophirima jaana kwa diphuthegong tsa metse eo ka Labone. 

A re mananeo mangwe a ditlhabololo a eme tsii! ntateng ya batho ba ba santseng ba gogagogana kwa makgotleng a ditsheko morago ga go ajwa ga tiro.

A re dikgang tsa mofuta o di aname le lefatshe lotlhe, a supa fa tsela ya Mandunyane-Mathangwane e e fetang kwa Shashe Mooke e ralala Borolong, Chadibe le Mathangwane le tsela ya A3 e le dingwe tsa ditsela tse di tlaa dirwang ka ngwaga wa madi wa 2022/23.

Banni ba ne ba ngongorega ka tsela ya Francistown-Nata, ba re e epegile, ga e tsamaege.

Mo go tse dingwe, Rre Molao o rotloeditse banni go tlhoafalela temo, a re ka yone ba ka kgona go ntsha dijo le go tlhama mebereko.

A re go itshupile morago ga go kganela go tsena ga merogo le maungo mangwe mono go tswa kwa mafatsheng a sele, mo e bileng ditapole di leng dintsi le ditlhwatlhwa tsa tsone di ile tlase.

Rre Molao o ba tlhagisitse fa bolwetsi jwa CODID-19 bo sa le teng mme a kopa ba ba sa kentang go dira jalo.

Monni wa Marapong, Rre Lewis Malikongwa a re tsela e e lomaganyang Francistown le metse e e kwa bokone botlhaba ke yone e e dirisiwang ke bajanala thata mme a kopa puso go potlakela go e baakanya.

Kwa Sebina banni ba ne ba lela ka tiego ya go duela babereki ba Ipelegeng, ba re go tsaya kgwedi go bona dikatso.

Mme Bonani Lentswe a re dituelo tsa Ipelegeng di dinnye thata ka e bile e ne ya re dituelo tsa badirela puso di okediwa le tse dingwe, bone ba se ka ba okelediwa.

A re ba kokonelwa ke ditlhwatlhwa tsa dijo tse di golelang pele nako le nako.

Kgosi Shathani Kgakanyane wa Sebina ene o ngongoregile ka bonya jwa puso go tlhoma motse oo boremelelo jwa ditlamelo.

A re ba tswa kgakala ba kopa le go atolosiwa ga leobo la kgotla.

Rre Molao o boletse fa puso e leka ka bojotlhe go isa ditirelo kwa bathong. 

A re fa go santse go emetswe madi go dira diofisi, maphata a puso ka go farologana a leka ka bojotlhe go isa ditirelo kwa bathong ka go isa bodiredi go thusa.

Mothusa mokwaledi wa khansele- potlana ya Tutume, Mme Pedzani Mahama a re tiego ya go duela babereki e bakwa ke bonya jwa maranyane. A re ba leka ka bojotlhe go baakanya seemo.

O boletse fa go atolosa leobo go le mo legatong la go phadisanela tiro eo ke beng ba dikonteraka. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Marapong

Event : Phuthego

Date : 10 Jul 2022