Breaking News

Old Naledi o ikemisetsa go fedisa kgokgontsho

10 Jul 2022

Go ruta setshaba botlhokwa jwa go ema kgatlhonong le kgokgontsho ya bong go ka tokafatsa seemo sa itsholelo ya lefatshe.

Gape go lwantsha kgokgontsho go ka thusa puso mo ditshenyegelong ka dikgang tsa go nna jaana di tsaya madi a mantsi a puso e ka bong e a dirisa mo ditirelong dingwe.

Kgosi Mosadi Seboko wa Balete o buile jaana fa a tlhoma komiti ya kgokgontsho kwa Old Naledi mo Gaborone ka Labotlhano.

O akgoletse banni maiteko a, a go tlhopha komiti e e tlaa thusang go lwantsha kgokgontsho ka puso e ka seke e kgone e le nosi.

O supile fa mmaba yo, a emisa lefatshe go tswelela pele, ka jalo o tlhoka tswaragano ya botlhe.

Kgosi Seboko o kopile maloko a komiti gore a nne sekao mo banning

O bile a ba rotloetsa gore ba ba rute le gone go ba thusa mo go tsotlhe tse di amang kgokgontsho.

“Le tsile go tsena mo mererong yotlhe ya tsa kgokgontsho, ka jalo le iphe nako le tsene mo malwapeng le lekole banni le gone go ntsha bana mo mebileng,” ga bua Kgosi.

Kgosi Seboko tsweletse a kopa baruti le maloko a dikereke go anamisa molaetsa wa kgokgontsho ya bong mo dikerekeng ka e le gongwe le gongwe.

O ne a rotloetsa banni go dirisana le komiti sentle, ka botho le lerato a supa a re go dira jalo go ka emisa kgokgontsho.  

A re jaaka tlhogo le mmele, neelano gareng ga banni le komiti di ka lere pharologanyo mo matshelong a batho.

Kgosi o ne a kopa kemo nokeng mo makalaneng le maphata a puso ka go farologana go thusa go fenya mmaba. 

Fa a rolela banni komiti, Kgosi Motlhatswi Pule wa Old Naledi o rile ba bone go le maleba go tlhoma komiti ka ba ne ba tshwentswe thata ke dipalo tsa kgokgontsho tse di kwa godimo.

A re ba ba kgokgontshiwang ba tlaa kgona go kopa thuso mo malokong a komiti ka bontsi bo retelelwa ke go ya kwa go ba sepodisi. Kgosi Pule o kopile banni go emisa go bipa mpa ka mabele a re ba seka ba khurumela dikgang tsa kgokgontsho e bile ba emise go tsholola dikgang fa ba ikuetse kwa gmapodising ka go dira jalo ga go kake aa thusa go emisa kgokgontsho.

A re banni ba tsenye komiti mo tirisong ba tshase kgokgontsho mokgwapha gore Old Naledi a fetoge e nne motse o o eletsegang.

Ramapodisi a Old Naledi, Rre Nelson Selabe le ene o ne a supa fa dipalo tsa kgokgontsho di tsweletse ka go gola, a kopa banni go tswelela ka go bega kgokgontsho ka e le borai le dintsho e ka di baka.

O ne a kopa banni go tlhokomela ba-na-le bogole ka nako tsotlhe ka ba itemogetse fa ba tshabelelwa ke kgokontsho.

Rre Selabe o ne a lebogela banni go tlhoma komiti e ka e tsile go ba imolola morwalo e le ba sepodisi a bo a rotloetsa banni go dirisanya le komiti sentle.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : Gaborone

Event : Bokopano

Date : 10 Jul 2022