Mmusi o rotloetsa tshwaragano
10 Jul 2022
Tshwaragano ya dikereke e botlhokwa ka e ka thusa go fenya mathata a a aparatseng lefatshe.
Mopalamente wa Gabane/Mmankgodi, Rre Kagiso Mmusi o buile jaana kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke dikereke ka go farologagana go tsosolosa mewa ya batho, bogolo thata morago ga gore lefatshe le welwe ke seru sa mogare wa COVID-19 kwa Gabane ka Matlhatso.
Rre Mmusi yo gape e leng Tona wa tsa Itshireletso le Thokgamo o boleletse bokopano joo gore merapelo ya dikereke e botlhokwa ka e ka thusa baeteledipele go nna le botlhale le maatla a a tswang kwa Modimong gore ba tle ba kgone go etelela le go diragatsa dikeletso tsa batho ka fa go tshwanetseng ka teng.
O ne a gatelela gore go botlhokwa go lemoga gore sengwe le sengwe se ka kgonagala fela ka thata ya Modimo.
Ka jalo o lebogetse tiro e ntle le karolo e e tsewang ke dikereke mo setshabeng.
Moruti Farayi Mushaninga wa Apostolic Faith Mission ene o gakolotse boeteledipele jwa dikereke gore di tlhome matlho a tsone kwa Modimong, gore di tle di fenye tsotlhe tse di sa siamang di tshwana le malwetsi, letlhoko le tse dingwe.
Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa lekgotla la dikereke tsa semoya, Moruti Dr Tebogo Motlhagodi o ne a re o itumeletse bokopano joo thata ka e le sesupo sa go aga le go bopa setshaba.
A re bokopano jwa dikereke bo botlhokwa ka gore go rapelwa Modimo a le mongwe.
A re go botlhokwa gore dikokomane tse di tlang ba ithute go bopa setshaba mme di ka kgona fela fa di tlhagoletswe tsela.
O ne a tlhalosa fa go itumedisa go lemoga fa lefatshe le, le na le baeteledipele ba ba itseng Modimo.
O ne a tlatsa ka go re matlhoko a a aparatseng lefatshe a ka fenngwa fela ke popagano ya dikereke.
Bokopono joo, bone bo natifisiwa ka meopelo ya dikhwaere tsa dikereke tse di farologaneng, ka seo Moruti Motlhagodi o kaile gore meopelo ka bo yone e tsisa thero, e a gomotsa le go ruta mme kwa bofelong go nne bonolo gore motho a fetoge e nne sebopiwa se sesha. A re bokopano jwa dikereke bo di itsa go thubega e bile bo thusa gape go tsosolosa mewa le gone go lekola dikereke gore a di teng di a tshela.
Moruti Pogiso Sebitola wa kereke ya Eloyi Christian Church mo Gabane le ene o iteetse bokopano joo legofi, a supa gore fa e sale ba welwa ke seru sa COVID -19 go ntse go le thata gore dikereke di kopane.
Ka jalo a re ba tlaa netefatsa gore dikereke di a kopana gore di rapelele motse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Gabane
Event : Bokopano
Date : 10 Jul 2022