Breaking News

Monna o gobaditse losea

10 Jul 2022

Mapodisi a Dibete a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone losea lwa dikgwedi tse di supang le neng la itewa la ba la gobadiwa ka mopako ke mokapelo wa ga mmaalo, kwa kgotleng ya Maaloso-a-Ngwana kwa Poloka.

Mo potsolosong le BOPA, mookamela mapodisi a Dibete, Superintendent Meshack Ranku o ne a re mmaagwe losea loo, wa dingwaga tse di masome mabedi le bone, o ne a tlhoka kutlwisisano le mokapelo wa gagwe mme ga tsoga ntwa.

Go bolelwa fa monna yo wa dingwaga tse di masome mararo le bone a tlholega kwa kgotleng ya Tshikinyega kwa Mahalapye.Supt Ranku o tlhalositse fa monna yo, a ne a re o betsa mmangwana ka mopako mme a mo fosa a betsa ngwana.

O boletse fa ngwana yoo, a ne a isiwa kwa kokelwaneng ya Poloka kwa a neng a fetisediwa kwa kokelong ya Mahalapye.

O boletse fa monna yo a ineile naga fa ngwana ene a sidilega kwa kokelong.

E ntse e le kwa Dibete, mapodisi a tshwere monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi wa kgotla ya Bokaa kwa Shoshong ka dithoto tse go belaesegang e le tsa bogodu.

Supt Ranku a re ba tshwere monna yo fa sekganeding sa matlhoko a leruo fa Dibete bosheng, morago ga go mo phuruphutsha.

A re dithoto tseo di akaretsa megala ya kopore ya bokete jo bo ka tshwarang masome a matlhano le disokete tse di mefuta di le lesome le bobedi. 

Go belaelwa fa monna yoo a ka tswa a tsere dithoto tseo kwa Shoshong, mme ba santse ba mo tshegediditse  fa ditlhotlhomiso di tsweletse.BOPA

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : Dibete

Event : Potsolotso

Date : 10 Jul 2022