Tlhatlhobelang batho ditagi mo di tseleng
07 Jul 2022
Go botlhokwa gore ditlhatlhobo tsa ditagi e nne nngwe ya ditlhatlhobo tse di dirwang mo dikganeding tsa tsela.
Se se builwe ke Mme Prica Mokgadi wa Botswana Substance Abuse and Support Network (BOSASNET) fa a ne a neela lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setshabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo megopolo ya lekalana la gagwe kwa Gaborone Central ka Labone.
A re go lwantsha ditagi tse segolobogolo di gateletseng banana go tshwanetse ga atolosiwa ka go dirisa dilo di tshwana le dintsa tse di dupang ga mmogo le maranyane a di kapa ditshwanstsho tsa mo phefong.
Molao-motheo go ya ka Mme Mokgadi o tshwanetse wa tlama gore batho ba ba tshwarwang ka molato wa tiriso ya ditagi gore ba sidilwe maikutlo morago ga go wetsa lebaka la kgolegelo.
“Se se tla a dira gore batho ba go nna jaana ba seka ba boelela ditagi, ba latlhegelwa ke ditiro kgotsa dikolo ka ntata ya go tupa mo ditaging,” ga bua Mme Mokgadi.
Rre Frederick Kololo wa Botswana Association for the Deaf ene o ne a tlhalosetsa lekoko fa nako e gorogile gore thuto di tshwana le ya go bala ka batlhokapono le go buwa o dirisa diatla ga batlhokapuo di a rutiwa ebile dipatelediwa mo dikolong.
A re go tlhoka molao o o tlamang go rutiwa le tiriso ya metlhale ya go buisana, e baya batlhokapuo le batlhokapono ka fa mosing mme ba felelwe ba runtshwa ditshwanelo tsa bone tsa go neelwa ditirelo fela jaaka Batswana ba bangwe.
“A makoko ape fela a sepolotiki a a eletsang gore tsatsi lengwe a tseye puso a etelele lefatshe pele a tlamege go nna le mananeo a a feletseng a a tlhalosang gore baya go thusa jang ba-na-le bogole,”a tlhalosa
Mme Tiny Healy wa Skillshare International o ne a re molao -motheo wa lefatshe la Botswana o na le ditlhaelo dingwe jaaka tshwanelo ya thuto, ya itsholelo le ya ngwao, dilo tse a reng di tshwanetse tsa tsenngwa mo molaong go tlama puso go di neela Batswana.
“Go ya dikolong ga bana e tshwanetse ya nna tshwanelo e e kwadilweng ka fa molaong e seng seemo sa nako eno se ka sone o ka reng puso e tlhomogela Batswana pelo,” o ne a bua jaana a tlhalosa fa go kwala ga ditshwanelo mo molao-motheong go tla kgontsha Batswana go ya kwa makgotla tshekelo go itsheka fa ditshwanelo tsa bone di gatakwa.
Moruti Pulafela Siele ene o ne a kopa gore go papamale mo molao-motheong gore lefatshe la Botswana ke la sekeresete.
Fa a tswelela, Moruti Siele a re o dumela gore tshenyo boimana epe e e ka dirwang e tshwanetse ya bo ele e e maleba ebile e letleletswe ke ba botsogo.
Molao-motheo gape go ya ka ene o tshwanetse wa papamala mme wa letla gore bakeresete ba obama ka phuthulogo ka dinako tsotlhe.
“A serudomo sa lenyalo se sirelediwe fela thata ke molao-motheo o re o sekasekang o, mme ebile lenyalo go tlhalosege fa ele la rre le mme.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : GABORONE
Event : tshekatsheko ya molao-motheo
Date : 07 Jul 2022