Breaking News

Dikereke di kopa go lemogwa

06 Jul 2022

Dikereke tse di seng ka fa tlase ga tsa tlhomamo (main line churches) di beetswe ka fa mosing ebile ga di lemogiwe ke puso. 

Go ya ka mosimolodi wa kereke ya Faith International Pentecostal Church, Moruti Daniel Rakaisa dikereke tsa go nna jalo ga di abelwe ditsha ka jalo di felela di obamela mo malwapeng kgotsa ka fa tlase ga ditlhare. Moruti Rakaisa o buile se kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setshabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo mo Gaborone Bokone ka Laboraro. 

“Go rapelelwa mo malwapeng ebile go a hirisiwa mme dikereke tsa tlhomamo tsone ga di na bothata le go bewa ebile di tletse gongwe le gongwe ga di tlhoke ditsha. A molao o lemoge fa re gateletswe mo ntlheng e,” ga tlhalosa Moruti Rakaisa.

A re dikereke tse tsa tlhomamo go lebega ele tsone bommammang go gaisa tse dingwe mo lefatsheng la Botswana. 

O ne gape a lela thata ka baruti ba batswakwa ba a tlhaloseditseng lekoko fa ba itaya Batswana tsebe ebile e kare ke bone fela baruti. 

“A puso e ele go lo mo tlhoko go baakanngwe e seka ya re rona ba re leng fa ra runtshiwa tshwanelo re le Batswana segolo jang ka o ka seke wa re bona re tlodile melolwane go ya go tlhongwa baruti kwa mafatsheng a bone,” ga bua Moruti Rakaisa. 

Go ya ka Moruti Rakaisa , puso e tshwanetse ya ela tlhoko ya bo ya sireletsa Batswana kgatlhanong le go jewa ntsoma ke baruti ba go nna jalo. 

“Banna ba ba na le thulaganyo e ka yone ba lekolang batho ka bongwe ka bongwe mme batho ba ye koo ba rwele kompa ya madi a ya go a tshela koo. Madi a ke a batho ka a bolokelang ban aba bone,” moruti o tsweletse a tlhalosa. 

Ka jalo Moruti Rakaisa o kopile puso gore e tseye boikarabelo jwa go leba dikgang tse ka matsetseleko mme etle ka ditharabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : GABORONE

Event : shekatsheko ya molao-motheo

Date : 06 Jul 2022