Breaking News

Dikgang tsa bogodu jwa leruo di tsaya nako-Mokoba

06 Jul 2022

Mapodisi a Mochudi ba tshwenngwa ke barui bangwe ba ba sa dumeleng go itlhokomelela leruo la bone le le gapilweng ka lenaneo la twantsho bogodu jwa leruo la Kgomokhumo go santse go emetswe ditsheko.

Se se sa jeseng ba sepodisei diwelang ke gore beng ba leruo ba supa sepodisi ka monwana fa leruo le lwala kgotsa le e swa le santse le le mo tlhokomelong ya bone.

Mo phuthegong ya kgotla kwa Kgomodiatshaba bosheng Mookamela mapodise a Mochudi Superitendent Smash Mokoba o supile fa dikgetse tsa dikgang tse, di tsaya nako go rarabololwa, a tlhalosa fa se se dirwa ke gore bogodu jwa leruo bo dikile bo apesitse lefatshe kobo ka letshoba ka jalo dikgetse tse di emetseng tsheko di le dintsi.

Supt Mokoba a re ba tshegeditse leruo le le gapilweng a tlhalosa fa le le ka fa tlase ga tlhokomelo e e siameng.

Supt Mokoba o gakolotse setshaba go tlhokomela leruo la bone ka go le lekola gangwe le gape ba sa beye fela mo badiseng.  BOPA

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : KGOMODIATSHABA

Event : Potsolotso

Date : 06 Jul 2022