Boithaopo ke pinagare ya Botswana
06 Jul 2022
Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Mme Talita Monnakgotla a re tiro ya boithapo le boipelego ke konokono ya setho sa Batswana.
Mme Monnakgotla o buile se kwa moletlong wa kabo dietsele wa baithaopi ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu bosheng mo Gaborone.
O boleletse dialogane gore go tsweng bogologolo boithaopo e le mokwatla wa botshelo jwa Batswana, e bile ba tshwanetse go itse fa ele pitso ka jalo ba tshwanetse go e tsaya jaaka tiro ya Modimo.
O ne a tlhomamisa fa lekgotla le le rutuntshitse banana ba feta masome a mararo ka tsa kgwebo mo Botswana, maikaelelo a dithuto tse ele go kopanya banana ba ba ithaopileng le bagwebi mo lefatsheng gore ba ba fe dikgakololo.
Mothusa tona o ne a tswelela ka go supa fa lephata la gagwe le lemoga tiro e e dirwang ke mokgatlho bogolo jang ka puso e ka se kgone go fitlhelela metse e mengwe go isa dithuso ka nako.
A re mangwe a mananeo a a dirwang ke mokgatlho o, a akaretsa tshireletso ya bana, ba-na-le bogole a supa fa mananeo a a tsisitse pharologanyo e ntsi mo matshelong a bana ba masiela le ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
O rotloeditse dialogane tsotlhe go simolola ditiro gore ba tle ba tlhamele banana ka bone ditiro le go dira diphetogo mo metseng ya bone.
O kopile baithaopi ba bagolwane go tswelela ka go rotloetsa banana go nna le mowa wa boithaopo le gore ba seka ba emela gore ditlamelo di tsisiwe kwa go bone.
Mme Monnakgotla o ne a leboga a bo a akgola ba University of Botswana ka tshwaragano ya bone le lekgotla le a re tshwaragano eo e tla a tsisa pharologanyo e ntsi mo lefatsheng.
Fa a tswa la gagwe mokwaledi mogolo wa mokgatlho Rre Kutlwano Mukokomani o ne a supa fa maikaelelo a moletlo e le go lemoga botlhokwa jwa boithaopo mo matshelong a Batswana.
Rre Mukokomani o ne a tlhalosa gape gore maikalelo a moletlo o, ene e le go kgothatsa, go tlhabolola le go kgothatsa baithaopi go dira ka natla bogolo jang mo go tse di amang mokgatlho le mowa wa boithaopo.
O boletse fa dialogane di sa tswe mo Gaborone fela mme ba tsere dialogane go tswa mo dikgalong tse di farologaneng tsa lefatshe leno.
Mogokgo wa Unibesithi ya Botswana Prof. David Norris o gateletse botlhokwa jwa boithaopo a bo a fa sekai ka kago ya Unibesithi a supa fa se agilwe ka boithaopo jwa Batswana.
O supile fa kgolagano ya bone le mokgatlho, e e neng ya bo ya bewa monwana gone kwa moletlong wa kabo dietsele, e tla a isa lefatshe golo gongwe e bile e tla a tsisa tharabololo ya dilo tse dintsi.
A re bolwetse jwa COVID-19 bo supile fa lefatshe le tlhokana le makalana a a ka thusang puso go hema diemo ka go farologana bogolo jang tsa dibetsa tsa tlholego. BOPA
Source : BOPA
Author : Naomi Leepile
Location : GABORONE
Event : Moletlo wa kabo dietsele
Date : 06 Jul 2022