Breaking News

Motumise o ruta ka go ja sentle

06 Jul 2022

Batswana ba gakolotswe go ja sentle, go nwa metsi kgapetsakgapetsa ga mmogo le go itshidila mmele go hema malwetse le go rotloetsa botsogo jo bo itekanetseng.

Go ja dijo tse di nang le moroko go ka tila matshwenyego a tshwana a go omelela mala mo go supafetseng go le borai fela jaaka go tshabisega mala, ka jalo go le botlhokwa go etela ba botsogo fa motho a na le sengwe sa diemo tse.  

Mo potsolotsong bosheng, moitseanape wa tsa botsogo jwa mmele, Dr Kelebogile Motumise a re o itemogetse gore batho ka bontsi, ba na le matshwenyego a go ngakalala fa ba itlhoma, a re seo se ka tilwa ke go nwa metsi le go itshidila mmele.

A re go nwa metsi le go itshidila go dira gore dijo di tsamaye sentle mo mmeleng, a re moroko le one o bereka go sila dijo le go repisa mala ka fa go tshwanetseng.

A re fa tseo di sa dirwe di dira gore go nne bokete go etela ntlwana, ebile go nna botlhoko fa motho a ya ntlwaneng.  

Moitseanape yo, a re ka tshwanelo motho o tshwanetse go itlhoma gangwe mo letsatsing, a re fa  motho a tseya beke a ise a dire seo, ke sesupo sa bothata mo mmeleng, mme a re pheko ke go ja dijo tse di nang le moroko, morogo, go nwa metsi ga mmogo le go itshidila.

Dr Motumise o ne a re bangwe ba setse ba itlwaeditse go dirisa dipilisi tse di repisang mala, a tlatsa ka gore fa motho a ka ja dijo di nale moroko, morogo, metsi le go itshidila go tla seke go tlhokafale gore dipilisi tseo di dirisiwe.

O ne a re go nna le mala a a repileng thata, kgotsa go tshabisega le gone go borai mo matshelong a batho.

A re motho o ka itemogela gore o na le seemo sa mala a a repileng ka go itlhoma go feta gararo mo letsatsing, mme e bile mantle a le metsi.

O ne a gakolola batho ba mala a a repileng go ikatumetse ba bongaka ka fa go ka leseletswa, motho a ka nna le ditlamorago tsa go latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.

Dr Motumise a re go tshabisega ga mala go ka bakwa ke dilo di le mmalwa, di akaretsa go nna le mogare mo mmeleng, go ja dijo tse di sa siamelang go jewa di akaretsa tse di senyegileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 06 Jul 2022