Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa loso lwa ngwana

05 Jul 2022

Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana wa mo-na-le bogole wa dingwaga tse lesome a neng a shwela mo ntlong e a neng a robetse mo go yone kwa motseng wa Diphuduhudu.

E rile a lekodisa ba lekalana la dikgang la BOPA, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Mogomotsi Kesupile, a tlhalosa fa tiragalo eo, e diragetse beke e e fetileng kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mararo, magareng ga nako ya bobedi le boraro bosigo.

O tlhalositse fa mmangwana a ne a tlogela ngwana a robetse go tsena fa baagisanying, a supa fa ntlo eo, e ne e le e e gotsetsang mme e agilwe ka matlhaku.

Supt Kesupile o tlhalosa fa ngwana a ne a ragosadiwa kwa sepateleng sa Scottish Livingstone Hospital kwa Molepolole, kwa ba bongaka ba neng ba rurifatsa fa a tlhokafetse.

Supt Kesupile o tlhalositse fa serepa se le kwa setsidifatsing sa sepatela sa Scottish go tlhatlhojwa.

O kopile batsadi go tlhokomela bana ba ba-na-le bogole.

 Mo go tse dingwe, Supt Kesupile o tlhalositse fa ba tshegeditse banna ba le babedi ba dingwaga tse di masome a mabedi le boraro, mabapi le go utswiwa ga malatlha a didirisiwa tsa ditlhaeletsanyo kwa motseng wa Khudumelapye, kgwedi e e fetileng e le masome a mararo.

Mogolwane wa mapodisi o supile fa malatlha ao a lopa madi a kanang ka P36 000, mme ba ne ba thusiwa ke mapodisi a Mogoditshane go tshwara banna bao. O tlhalositse fa banna bao ba bereka mo dikomponeng tsa megala.

O kopile Batswana go tlogela go utswa didirisiwa tsa megala ka jaana go diga itsholelo. E ntse e le gone ka Labone, mogolwane wa mapodisi o supile fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, monna wa dingwaga tse masome a mabedi le borobabobedi, a neng a thulwa ke koloi kwa motseng wa Letlhakeng ka nako ya lesome le bobedi motshegare.

A re koloi eo ya modiro wa Mazda Demio e ne e kgweediwa ke mme wa dingwaga tse di masome a mararo le borobabongwe, wa motse wa Ditshegwane kwa kgotleng ya Molehele, fa rre yo a thudilweng ene a tswa kwa kgotleng ya Modimo gone kwa Letlhakeng.

O tlhalositse fa mme a ne a leka go fapogela koloi ya setshaba, e e neng e le fa pele ga gagwe, mme a latlhegelwa ke taolo a bo a thula motsamaya ka dinao.

Go tlhalosiwa fa rre yoo, a ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Scottish Livingstone kwa Molepolole, kwa ba fetileng ba mo fetisetsa kwa sepateleng sa Princess Marina ka dikgobalo tse di masisi.

O kopile bakgweetsi gore fa ba kgweetsa ba nne ba a fa ba ba fa pele sebaka, gore fa go ka nna le go ema ka tshoganetso ba bo ba le kgakajana le bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 05 Jul 2022