Kwadisetso ditlhopho e tsweletse
05 Jul 2022
Ikwadisetso ditlhopho ya tlalaletso ya bobedi, e e simolotseng kgwedi ya Motsheganong e le malatsi mararo e tsweletse mme e tlaa wela kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabongwe.
Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Masunga, Mme Ompatile Khaneguba o buile kwa phuthegong ya maloko a komiti e e rotloetsang dipuisanyo le tirisanyo mmogo gare ga diphathi tsa sepolotiki le ofisi ya ditlhopho (Party Liason Committee) kwa Masunga kgwedi eno e le malatsi mane.
Mme Khaneguba o ne a gwetlha maloko a komiti eo go rotloetsa batlhophi go etela diofi tsa ditlhopho go ya go ikwadisetsa ditlhopho, a re ikwadiso ya tlalaletso e dirwa jaana go fa sebaka batho ba ba neng ba seka ba ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tsa 2019 go dira jalo.
A re gape e neela le bao ba ba neng ba ise ba digele dingwaga tse di lesome le boferabobedi, mo ikwadisetsong eo ya 2019, sebaka sa go ikwadisa go direla gore fa go ka nna le ditlhopho tsa poelelo le bone ba kgone go tlhopha.
Gontse go le foo, Mme Khaneguba o ne a kopa maloko go ipaakanyetsa lekoko le le sekasekang go kgaoganngwa ga melolwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente.
Lekoko le le tlaa bo le le kwa kgaolong ya Tati Bophirima kgwedi eno e le lesome le boraro go fitlha e le lesome le botlhano, fa kwa Tati Botlhaba gone le tlaa bo le le koo ka kgwedi Phatwe e le malatsi matlhano le e tlhola boferabobedi.
Mme Khaneguba a re go kgaoganngwa ga melolwane ya botlhophi go dirwa mo dingwageng tse di lesome dingwe le dingwe, morago ga thulaganyo ya palo batho, a tlhalosa fa go dirwa go lebeletswe bokete jwa palo ya batho le mabaka mangwe a a farologaneng.
O tsweletse a tlhalosa fa e tlaare morago diofisi tsa ditlhopho tsone di itebaganye le go sekaseka dikgaolwana tsa bonkhaselara le matlhophelo, mme ba dira jalo ka tshwaragano le ba-na-le seabe ba bangwe mo kgaolong, go ya ka fa ba tlaa bong ba filwe palo ya dikgaolwana ke lephata la Dikgaolo le Tlhabolola Magae.
Fa ba tswa la bone, maloko a ne a supa fa nako e gorogile ya gore dikgaolwana dingwe di kgaoganngwe go imolola makhanselara morwalo. Ba tlhalosa fa dingwe di atlhame fela thata.
Bangwe ba supile fa go sa tlhokafale gore lekoko le le sekasekang go kgaoganngwa ga dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente le dikologe lefatshe leno ka bophara mme boemong jwa moo, le itebaganye fela le dikgaolo tse go bonalang di ya go angwa ke kgaoganyo eo, go ya ka fa di oketsegileng ka teng mo palong ya batho.
Ba re bone ba bona fa palamente e setse e eteletse pele megopolo ya setshaba, ka jaana e sa tswa bo bolela fa dikgaolo di tla okediwa ka tse nne, ba re seo se supagala fa go setse go tserwe tshwetso.
Fa a ama ntlha ya ikwadisetso ditlhopho, Rre Pius Mokgathi a re o bona go ka bo go nnile botoka fa ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba e ka bo e dirilwe gore motho a ikwadisetse gangwe fela mme a bo a e dirisa botshelo jwa gagwe jotlhe, go na le gore go nne go ikwadisiwa mo ditlhophong dingwe le dingwe tsa setshaba.
Rre Richard Gudu ene o supile fa ba le bete semolangwana ka dingwe tse ba saleng ba kopa gore di diragadiwe tse di amanang le dikomiti tsa PLC mme nako kgolo ke eno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego
Date : 05 Jul 2022