Dipolaano ga di jese di welang
05 Jul 2022
Dikgang tsa dipolaano mo kgaolong potlana ya Serowe ga di jese diwelang bogolo jang go dira banana.
Mo potsolosong le mogolwane wa mapodisi a Serowe Superintendent Poloko Oteng o boletse fa ba setse ba gatisitse dintsho di le lesome le bobedi mo Serowe le metse e e mo tikologong ngwaga ono fela.
Supt Oteng o boletse fa dintsho tse, di diragala thata ko metseng ya Tshimoyapula, Thabala, Moiyabana, Malatswai, Mmashoro le Mogorosi.
O tlhalositse fa loso lo lo diragetseng beke eno, ba tshegeditse moithuti wa mosimane wa sekole se segolwane sa Mothamo kwa Moiyabana, wa dingwaga tse di lesome le borataro , yo go belaelwang a tlhabile mongwe wa molekane wa gagwe ka sengwe se se bogale, mme a tlhokafala go ne foo.
A re ba santse ba tshegeditse mmelaelwa, fa ba lekalana le sepodisi le le faphegileng go sekaseka dikgang tsa mohuta oo le santse le sekaseka dikgang tsa teng.
O boletse fa dikgang tsa mohuta oo, di tshwenya fela thata mo kgaolong ya sepodisi sa gagwe.
O kopile batho gore fa ba na le dikgang tsa diphaphang ba tswanetse go kopa thuso ko go ba ba maleba go ba gakolola le go ba sidila maikutlo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : potsolotso
Date : 05 Jul 2022