World group of Companies ba abetse bana dimpho
04 Jul 2022
World Group of Companies e tshwaragane le tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse ba abetse bana botlhe ba dikole tse dipotlana di le nne kwa Palapye ditlhako tsa sekole, beke ya dibula, kobo le mophuthelwana wa dilekere.
Dikole tseo ke Ratsie, Morwalela, Kediretswe le Central, gammogo le babereki ba Ipelegeng ba ba direlang kwa dikoleng tseo.
Fa barutabana ga mmogo le babereki ba bangwe ba ba direlang kwa dikoleng le maloko a PTA bone ba abetswe kobo le mophuthelwana wa dilekere.
Mephato yotlhe ya dikole e ne ya abelwa dibolo tsa kgwele ya dinao le tsa boletloa.
Fa a bua kwa moletlong wa go aba dimpho kwa Palapye bosheng, Rre Autlwetse o tlhalositse fa loeto la gagwe le World of Group of Companies le simologile ka 2015.
Rre Autlwetse a re tirisano mmogo e ke maiteko a go thusa puso le Batswana go tlhabolola thuto.
A re ba tsweledisa fa ba emeng teng ka go tokafatsa thuto le matshelo ka erile ngogola ba abela dikole di le pedi tse di potlana tsa Sebeso le Khurumela e ntse e le kwa Palapye.
Rre Autlwetse a re ga ba a kgona go bona paka e e feletseng ya sekole ka ntlha ya gore COVID-19 e phutlhamisitse madirelo a a segang paka.
A re puso e lemoga ebile e itumelela maiteko a bone go tsisa tsholofelo mo thutong ka go abela bana dimpho ka seo se fa bana tsholofelo le go ba kgothatsa.
A re tshwaragano ya setshaba, puso le dikhamphani tse di ikemetseng, e tshwanetse ya gwetlha dikhamphani go tsaya karolo mo rudiseng itsholelo morago ga go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19.
Motshwarelela kgosi yo mogolwane kwa Palapye, Mme Martha Lebang o lebogile World Group of Companies go abela dikole dimpho mme a gwetlha dikhamphani tse dingwe go rotloetsa thuto.
O kopile batsadi go tlhokomela bana gammogo le go tsaya karolo mo thutong ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Kabo dimpho
Date : 04 Jul 2022