Breaking News

Dikgosi di kopiwa go bereka le mapodisi

04 Jul 2022

Bogodu, botlhoka tsebe jwa banana, le dipolaano tsa batho tse di golelang pele di busetsa maiteko a puso a go ngoka bagwebi ko morago.

Mothusa kgosikgolo kwa Molepolole, Kgosi Lawrence Mhaladi o tlhalositse fa Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi a tsamaya le mafatshe a batlela Botswana babeeletsi mme go ka diragala gore ba tshabe beeletsa mo gae ka  ntata  ya dilo tse di sa eletsegeng.

 Batswana ba latlhegetswe ke setho ka bangwe ba batla go itshetsa bogodu. Kgosi Mhaladi a re potso ke gore fa go ntse jaana, dikgosi di tsaya kgato e fe?

O ne a bua kwa phuthegong e e neng e tshwerwe kwa Letlhakeng bosheng, e kopanetswe ke dikgosi tsa kgaolo potlana ya Letlhakeng le ba sepodisi sa Letlhakeng.

A re bana ba rekisediwa motokwane kwa dikoleng, mme fa batsadi ba ka se tseye kgato,   bana ba bone ba tlaa ba kgwa mathe mo isagong.

O kopile dikgosi go dira sengwe se se tlaa nnang sekao fela jaaka botautona ba pele ba lefatshe leno, Sir Seretse Khama le Sir Ketumile Masire ba ba kaiwang ka motlhala o montle.

A re dikgosi tshwanetse go dirisana le mapodisi, ba ithaope go direla lefatshe la bone.

Kgosi Mhaladi a re fa go diragala borukutlhi mo kgotleng, go nyadiwa kgosi mme a ba kopa go dirisa moretlwa fa go tlhokafala, a supa fa dikgang tse dingwe di kgonwa ka go kgalema fela.

A re go supana ka menwana ga gona go ba isa gope, go berekwe go fedisa matshwenyego a a teng.

Kgosi Itsoseng Gaoonwe wa Letlhakeng o ne a tlhalosa fa a itumelela gore Kgosi Mhaladi a bo a bonye sebaka sa go ba lekola ka ba tlaa ntsha matswenyego a bone

Kgosi Tsholofelo Morwaakwena wa Ditshwegwane e ne o supile fa ba ntse ba dirisana le mapodisi sebe sa phiri e le letlhoko la dikoloi.

A re go na le bothata kwa Ditshegwane ka jaana go itirelelwa fela teng mme a kopa gore mapodisi a thusiwe ka dikoloi.

Kgosi Seeja Radiphuti go tswa kwa Khudumelapye le ene o boletse fa ba dirisana le mapodisi a bo a supa fa ba ne ba kgalemela bana ba ba neng ba itsholela dinama kwa dintshong fa ba tswa dibareng, a supa fa ba ne ba ba alafa ka moretlwa.

Dikgosi ka bontsi di ne tsa dumalana gore seemo se dule mo taolong mme se se ba saletseng ke go tshwaragana le sepodisi go se bepisa, ba supa fa bolwetse jwa corona bo ne jwa tlhakatlhakanya sengwe le sengwe.

Ba supile gore fa ba lomile mapodisi tsebe, dikgang di felela di dule gore di builwe ke mang, se se bo se ba baya ka fa mosing.

Kgosi Tuelo Ramokobetwane o kopile gore mapodisi ba seka ba nna lebaka le leleele fa ba berekelang teng ka ba felela ba tlwaela lefelo.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Superintendent Mogomotsi Kesupile, o supile fa go sa letlelelwe gore e re fa motho a lomile mapodisi tsebe ba bo ba ntsha sephiri a re fa go na le bosupi jo bo papametseng, lepodisi le le dirang jalo le ka tseeelwa dikgato.

A re bomalomatsebe le bone ba na le go ntsha sephiri fa ba itshietse ka jaana ba a bo ba atswitswe ka sengwenyana.

Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Kweneng, Senior Superintendent Modise Gabatshwane, o kopile dikgosi go lebelela se se ka ba tshwaraganyang e seng se se ka ba kgaoganyang.

O tlhalositse fa kgaolo ya Kweneng e le tona ebile e na le batho ba bantsi, a bo a supa fa Molepolole a le nosi o na le batho ba feta 70 000 mme mapodisi ba tsena mo seatleng

A re fa dikgosi le morafe ba ka tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi, go ka nna le tshireletsego mo metseng ya bone. BOPA

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 04 Jul 2022