Breaking News

Mogolwane o rotloetsa setshaba mowa wa go aba

04 Jul 2022

Badiri ba Lephata la Tlhabololo Dikago kwa Mahalapye, ba agetse, Rre Monkgogi Oeme wa kgotla ya Flowertown mo Mahalapye, ntlo ya dikamore tse nne.

Fa a amogela baeng kwa moletlong wa kabo ya ntlo eo ka Labone, mogolwane wa leo mo Mahalapye, Rre Micca Sefonea o supilwe fa ba gwetlhilwe ke letshego la tebelopele ya Sechaba ya 2036 le le amanang le go thusa mo tlhabololong ya batho go agela Rre Oeme ntlo e e nang le dikamore tsa boroko tse pedi, kamore ya boapeelo le kamore e tlhapelang.

"Re bone go tshwanela gore le rona re dire sengwe se se ka tokafatsang botshelo jwa motho yo mongwe. Go ne go se bonolo, ka lefatshe le le mo dinakong tse di thata, ditlhwatlhwa le tsone di tsholetsegile, mme re ile ra seka ra ipona tsapa, ra leka ka fa re ka kgonang ka teng" a tlatsa.

Ka jalo Rre Sefonea o rotloeditse batho gore ba seka ba itsapa go tsaya karolo mo go fetoleng matshelo a batho ba bangwe.

Motsamaisa lephata la tsa Tlhabololo Dikago, Mme Gorata Moleboge fa a rola ntlo o ne a supa boitumelo gore tiro e, e kgonne go atlega mme le ene a rotloetsa setshaba go nna le mowa wa go abela bao ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

"Sepe fela se motho a se dirang, a se dire jaaka a direla Modimo, ka gore ditiro tse di molemo di a bonala fa di dirwa.

E ntse e le ka Labone, lephata leo le ne gape la abela sekole se segolwane sa Pekenene Junior Secondary School mesangwana ya bomme.

Fa a amogela dimpho tse, ko moletlong wa kabo dimpho tseo, mogokgo wa Pekenene, Rre Julius Otukile o kaile fa sekole sa gagwe se dira bontle thata mo kgaolong ga mmogo le lefatshe ka bophara.

Mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang tsa ngwaga wa 2021, a re sekole sa gagwe se tsere maemo a ntlha mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la boraro, mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, lesome le bongwe mo legare le masome a mararo le bongwe mo lefatsheng la Botswana lotlhe.

Le fa go tse jalo, Rre Otukile o supile fa sekole sa gagwe se lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya mantlwana a borutelo, mo e bileng go kgoreletsa bana go tsaya dithuto sentle ka ba kgona go rutelwa fa ntle, le fa diemo tsa bosa di sa iketla.

Moemedi wa Mokgatlho wa Bomme, go tsweng ko lephateng la Tlhabololo Dikago, Mme Diphetogo Tshetho o tlhalositse fa ba reketse baithuti dimpho tse go supa gore ga ba kgathale fela ka dikago, le ka matshelo a batho ba a kgathala.

"Re ka bonala re le bomme, fa re ka bonala mo botshelong jwa ngwana wa mosetsana. Go tshwanetse gore fa ngwana a nna le seemo a le mo sekolong, a bo a ka kopa thuso gaufi, mo barutabaneng," ga bua Mme Tshetho.

"Batho ga ba lekane, mme gape go nale mabaka a le mantsi a a ka kgoreletsang ngwana go ithuta sentle," a tlatsa.

Ka tlhotlheletso ya mowa wa lorato, a re maloko a mokgatlho wa bone a itlamile go koleka P10, kgwedi le kgwedi go tsweng mo dikatsong tsa bone, lebaka la kgwedi tse thataro a bo ba reka bonnyennyane ba abela baithuti.

Mogolwane go tswa ko lephateng la Thuto, Rre Koobopile Kedikilwe o tlhalositse fa ba nale kgwetlho e tona thata e le lephata ya go ruta ngwana le go mo ntsha a na le maikarabelo.

"Se, ke tiro e ntle thata go bona batho ba ithaopela go re thusa go godisa bana. Se se tsamaela le maiteko a rona a go tshwaraganela ngwana le setshaba," ga bua Rre Kedikilwe.

Dimpho tse, a re di tla thusa le gone go tokafatsa maduo a baithuti, gore a tsholetsege. O rotloetse baithuti go tsaya malebela mo kabong e ya dimpho gore ba lemoge gore go thusa mongwe ka wena ke selo sa botlhokwa. Ends. BOPA

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : kabo dimpho

Date : 04 Jul 2022