Breaking News

Leina Kgalagadi Borwa le siame fela

04 Jul 2022

Kgaolo ya Kgalagadi Borwa e tshwanetse ya tswelela e bidiwa jalo kgatlhanong le keletso ya bangwe ya gore e fetolwe leina. 

Monni wa Makopong Rre Dickson Radijeng a re leina le le amanyang kgaolo eo le morafe wa Bakgalagadi le lebanye ka jaana merafe e mengwe e e nnang koo e gorogile teng e ba fitlhela ba sale ba thibeletse teng. 

Fa a rolela mogopolo lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go phutha megopolo ka molao-motheo bosheng, Rre Radijeng o ne a tlhalosa fa dikgaolo tse maina a tsone a ikamanyang le merafe e e rileng di tsere maina a tsone mo go reng ke morafe ofe o o gorogileng pele mo go tsone. 

Ka ntlha ya seo, a re kopo ya bangwe gore kgaolo ya Kgalagadi Borwa efetolwe leina e se reediwe ka seo se ka nyeletsa le kitso ya botlhokwa ya gore kgaolo eo e tlholegile e le legae la morafe ofe. “Mafatshe a otlhe a bo Gammangwato, bo Ngwaketse go ne go fitlhelwa bone batho bao. 

Jaanong ga e kake ya re go ne go fitlhelwa batho, ba ba tlang morago ba bo ba re go fetolwe. Golo mo bagaetsho ga go kake ga re tsaa sentle gore e re lefatshe re golela mo go lone go bo gotwe le fetolwa leina,” Rre Radijeng o ne a supa jalo. 

Banni bangwe ba ne ba kopile gore Kgalagadi Borwa a fetolelwe leina kwa go Molopo,e e leng noka e e fetang mo kgaolong eo mo molelwaneng wa Botswana le Aforika Borwa. 

E ne e rile a bua mo boemong jwa banni ba Maralaleng, Mme Cecilia Kgositlou a bolela fa ba eletsa kgaolo e ka bidiwa Molopo, a supa fa leina le le amanang le morafe mongwe le tsoulola merafe e mengwe e e mo kgaolong, ka jalo go le botlhokwa gore go batlwe leina le le tlaa sekeng le kgaphele bape kwa ntle. 

Mme Kgositlou o ne a itsese lekoko gape fa banni ba Maralaleng ba eletsa gore go nne le kgosikgolo e e tlaa emelang merafe e e kopaneng ya Kgalagadi Borwa kwa Ntlo ya Dikgosi. 

Fa a rola megopolo ya ba Omaweneno Rre Gladwin Sephiri ene o ne a supa fa ba eletsa gore ka nako ya palo-batho, batho ba balelwe kwa ba direlang teng ga mmogo le kwa magaeng a ba tlholegang kwa go one. 

A re go gogela ditlhabololo fela kwa batho ba leng bantsi teng ka lebaka la go bo ba falaletse teng go batla mebereko, go itsa metse-selegae go gola ka jaana dipalo tsa batho koo di gola ka bonya. 

A re ba le ba Omaweneno ba batla gore tiro ya makhanselara le mapalamente e lejwalejwe morago ga ngwaga tse pedi le sephatlo.

A re ope yo go tlaa fitlhelwang maduo a tiro ya gagwe a sa nametse a ntshiwe mo tirong mme go tlhotšhwe moemedi yo mongwe. Banni ba Kisa bone ba ne ba kopa gore tsamaiso ya nako eno ya go tlhopha Tautona e seka ya fetolwa. 

Moemedi wa bone Rre Lucas Taele o boleletse lekoko fa tsamaiso eo e sena selabe sepe, ka jalo go se botlhokwa gore Tautona a bo a ka itlhophelwa jaaka bangwe ba ntse ba kopa. 

Banni bao ba ne gape ba kopa gore go tlhongwe makgotla a dikgaolo a dikgang tsa bogosi le tsamaiso merafe (district tribal council). 

Rre Taele o tlhalositse fa ba batla gore nngwe ya ditiro tsa makgotla ao, e nne go tlhopha baemedi ba dikgaolo go ya kwa Ntlong ya Dikgosi. 

Go tswa kwa Draihoek, Rre Senamile Mojombe o ne a kopa gore molao o fetolwe gore tautona e seka ya nna ene a le esi a sekasekang megopolo morago ga go phuthwa ga yone ke makoko a a tshwanang le le tsweletseng. 

“A e re fa go sena go phuthwa megopolo, tautona a akaretse diphathi tsotlhe tsa sepolotiki fa go tlhotlhwa megopolo e, a akaretse le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe la Botswana,” a kopa jalo. 

Mo boemong jwa banana Rre Lopang Kgokilwe o ne a ikuela mo pusong go tlhoma molao wa maitsholo a a letlelesegang wa baeteledipele ka go farologana, mme mo molaong oo go papamadiwe dikgato tse di tlaa tseelwang ope yo o o ikgatholosang. 

Rre Tlotloemang Matswiri wa lekgotla la baruti o kopile gore molao o lemoge baruti ka ba na le seabe se segolo mo go bopeng motho le go aga setshaba. 

A re temogo eo e tshwanetse ya patwa ke go fiwa lemmenyana la itshetsogo tswa mo pusong, seo e le tsela ya go tiisa baruti moko gore ba kgothale mo tirong ya bone. 

Moemedi wa bagodi Mme Pono Phologo o boleletse lekoko fa ba eletsa gore madi a bagodi a okediwe go nna P1 500 go itepatepanya le tlhatlogo ya ditlhwatlhwa. 

Mo godimo ga moo, a re ba kopa gore fa mogodi a tlhokafala, ba lwapa la gagwe ba amogedisiwe madi a gagwe kgwedi tse thataro. A re e re ka jaana letlhoko la ditiro le bifile mme le pateletsa malwapa ka bontsi a a nang le bagodi go ikaega ka madi a bogodi, puso e tshwanetse ya tlhomamisa gore ga e re fela mogodi a hulara ba lelwapa ba bo ba wela mo isong. 

E ne e rile go le pele, Kgosi Light Babeile a rola mogopolo wa gore go tlhongwe seelo sa khumo se motho yo o eletsang go nna tautona a tshwanetseng a bo a se fitlheletse. 

O ne a supa fa go dira jalo go ka thusa go lwantsha tshenyetso setshaba ka motho yo o ikokoanyeditseng dikhumo go ka seke go nne bonolo mo go ene go tswela dithoto tsa setšhaba pelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MAKOPONG

Event : Tshekatsheko ya molao-motheo

Date : 04 Jul 2022