Breaking News

Sir Seretse Khamasenatla gareng ga dinatla

03 Jul 2022

Bonolo, boikobo, go nna tsebe ntlha le go nna le mowa wa go direla tshaba ya gaabo, ke mafoko a dirisitsweng ke moeteledipele wa pele wa sepodisi, Rre Simon Hirschfeld go kaya tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana, Sir Seretse Khama.

Khama, yo o tlhokafetseng kgwedi eno e le lesome le boraro ka ngwaga wa 1980, o belegwe ka yone kgwedi e e rogwa ka 1921. Maiteko a gagwe a go nosetsa puso ya batho ka batho, a lemogwa ka go ipelela letsatsi la gagwe la matsalo le go gopola tse a di diretseng lefatshe la Botswana.

Kwa moletlong wa go ipelela matsalo a gagwe le go gopola ditiro tsa gagwe tsa boeteledipele, Rre Hirschfeld o tlhalositse fa boineelo jwa ga Khama le ba a neng a dira le bone bo thusitse lefatshe go ikaga le go itsamaisetsa itsholelo, go tswa kwa mmusong wa bokolone le go simolodisa sesole sa Botswana.

Rre Hirschfeld a re pele ga Botswana a ipusa, o ne a tsena mo sepodising se se neng se tsamaisiwa ke puso ya bokolone se bidiwa Mobile Police Unit.

A re ka ngwaga wa 1968, morago ga bokopano jwa ga tautona Khama le bagakolodi ba puso ya bokolone, tautona a epa pitso ya baeteledipele ba sepodisi go simolola ka maemo a a neng a le mo go o ne a Sub Inspector.

“Tautona Khama o ne a tlhalosa gore o tsere tshwetso ya gore Batswana bangwe ba tlhatlosiwe maemo gore ba kgone go rolelwa tiro ya go etelela sepodisi.

Nna le Rre Mompati Merafhe re ne re lekana ka maemo, mme ra tlhatlosiwa go tsaya maemo a Superintendent. Ka bofefo ka tlhatlogela kwa maemong a Senior Superintendent,” Rre Hirschfeld a tlhalosa.

A re le fa a ne a fiwa boikarabelo jwa go etelela sepodisi ka ngwaga wa 1970, a thusiwa ke Rre Merafhe, Rre Hirschfeld a re ba ne ba tlhaela kitso ya go tsamaisa sepodisi.

Ka thuso ya ga tautona Khama, Rre Hisrchfeld o tlhalositse gore bangwe ba ne ba romelwa ke puso ya ga Mma Mosadinyana go tla go ba rutuntsha.

A re le fa ba ne ba tlhaela kitso jaana, Botswana o ne a sa robalelwa ke ditlhokwa ka gone go tsogile tlhatlharuane ya puso ya maburu kwa Aferika Borwa le ya ga Ian Smith kwa Rhodesia.

Rre Hirschfeld a re se se neng se tshwenya bogolo ke gore mapodisi a ne a sa nonofa go sireletsa kgatlhanong le ditlhaselo tsa masole a mafatshe a a neng a tsogetswe ke dikgoberego.

A re le fa puso e ne ya kgona ka bofefo go reka dithobolo kwa ga Mma Mosadinyana, di ne tsa goroga di sena marumo, ka go lebege ba ne ba sireletsa ditsala tsa bone ba mebuso ya seroophate.

O supile fa le motsing ba sena go fiwa dithobolo, dikanono, marumo le tsotlhe tse lefatshe le neng le di tlhoka go itshireletsa, go tlhaela kitso ya tswelela e nna sekgoreletsi, ka jalo a ntsha kopo ya gore go simolodisiwe sesole.

“Fa re ya go tsaya dithobolo kwa China re ne re tsamaile le Inspector Ian Khama gore a kgone go re thusa go kanoka le go tlhopha tsotlhe tse re di tlhokang ka gore o ne a na le kitso, a ithutetse sesole,” Rre Hirschfeld a supa.

A re morago ga go tlhamiwa ka ngwaga wa 1977, sesole sa tsaya boikarabelo jwa go sireletsa Botswana.

Mongwe wa matona a puso a pele, Rre Peter Siele a re tautona Khama o dirile go utlwala mo go tlhabololeng mohama wa thuto.

A re palo ya barutegi e ne e felela mo seatleng.

“Ka nako eo, e ne e re o bala barutegi o ne o se ka ke wa digela menwana ya gago ya mabogo. Mo nakong e re leng mo go yone, barutegi ba kana ka thapo tsa loselo,” ga tlhalosa Rre Siele.

Rre Siele a re tautona wa ntlha ke lebutswa pele la dipolotiki tsa lefatshe a Botswana gape ke moitaamonyo wa ditlhabololo, ka a ne a di goga kwa pele a le fa gare ga banna ba ba neng ba eteletse lefatshe le kgaolo ya borwa jwa Africa.

O tlhalositse gore o kile a aramela mogote wa dipolotiki, o ba hisa dintshi o kgotlediwa ke Pieter Botha kwa Afrika borwa, mme gape o ba fisa magetla o kgotlediwa ke Ian Smith kwa bokone.

“Batho betsho golo fa re bua ka senatla gareng ga dinatla, mme re tshwanelwa ke go gokologelwa ditiro tse dintle tse a neng a di dira jaaka go tlhoma tsamaiso e e neng e babalela ditswammung tsa lefatshe le gore di akolwe ke Batswana botlhe, di seka tsa akolwa fela ke bao ba ditswammung tseo di tswang fa go bone,” Rre Siele a tlhalosa.

A re tautona wa ntlha o tshwanetse a lebogelwa go nna le tebelopele ka jaana diteemane di kgonne go tsisa ditlhabololo.

A re o ne a dumela mo pusong ya batho ka batho e e neng ya nna lokgalela lo lo neng lo rokotsa mathe a ditshaba tse di dikologileng Botswana.

O tlhalositse gore Tautona Masisi o tshwanetse a lebogiwa ka tsela e e faphegileng ka gore o tsere mafoko a Motswana a a reng, tlhako ya morago e gata fa tlhako ya pele e gatileng teng.

O mo rotloeditse go tsweledisa motlhala wa ditlhabololo o o dirilweng ke Sir Seretse Khama.

“Go buiwa ka senatla, o dirile gore re nne le botsalano jo bo kwa godimo le mafatshe a mangwe jaaka o bona re na le motlobo wa ditso kwa Lobatse wa Samora Machel,” ga tlhalosa Rre Siele.

Rre Siele a re Botswana e ne e le lefatshe le le nnye, ebile le le kwa tlase ka ditlhabololo, e ne e le motshelakgabo wa batho ba ba neng ba feta ba ya kwa bokone ba tshaba megote ya dipolotiki kwa borwa.

A re ka boeteledipele jwa ga tautona  Seretse Khama yo o neng a le marapo a thata, mafatshe a Zimbabwe, Aferika Borwa le Namibia a gololesegile.
BOPA

 

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : GABORONE

Event : Letsatsi la matsalo a ga Sir Seretse Khama

Date : 03 Jul 2022