Mabutswapele a galaletsa Seretse Khama
03 Jul 2022
Batswana ba tsweletse ka go gopola tauatona wa ntlha Sir Seretse Khama ka tsotlhe tse a di dirileng go dira motheo wa ditlhabololo le puso ya batho ka batho.
Kgwedi ya Phukwi e rogwa ke letsatsi la matsalo a ga Sir Seretse Khama.
Le fa a iketse badimong, letsatsi le, le seegetswe fa thoko go ipelela matsalo a gagwe le kaedi e a fileng lefatshe jaaka tautona wa ntlha fa a sale botshelong.
Kwa motseng wa Serowe, Ba – ga – Mmangwato ba ne ba phuthegile mo kgotleng ka tshisibalo ka Labotlhano, mme go utlwala melodi ya dihela ka kgomotso ka go farologana le mafoko a babui ka go farologana ba tlotlomatsa bogolo jwa gagwe jaaka e le Kgosi kgolo ya ga Mmangwato.
Babui ka go farogalona ba ne ba mo tsatsanka le go galaletsa bonatla ja gagwe mo mosepeleng go isa lefatshe la Botswana kwa ipusong, le go dira motheo wa motia wa ditlhabololo.
Bangwe ba matlhogoputswa ba supile gore pele ga ngwaga wa 1966, lefatshe la Botswana le ne le sena itsholelo epe e bonalang, le aperwe ke khumanego.
Mongwe wa mabutswa pele mo motseng wa Serowe, Mme Dikeledi Monyena o tlhalositse gore tautona wa ntlha, Seretse Khama o sa le a itshupile sentle a santse a tsamaisiwa tshipidi gore e tlare a fathloga a tswe moeteledipele wa tlhwatlhwa.
Mme Monyena a re Khama o ne a tlhokafalelwa ke batsadi a santse a le monnye mme a godisiwa ke borangwaneagwe.
O tsweletse a tlhalosa gore sengwe sa dilo tse di tshwanetseng tsa dirwa e le segopotso ke gore sepatela se se gologolo sa Sekgoma se fetolwe leina go Tebogo Sekgoma gore mmaagwe Sir Seretse Khama a seka a lebalwa a nne mo ditsong tsa Bangwato.
“E rile a le dingwaga tse supa, o ne a itshupa fa a tla supa gore e tla nna mogaka jaaka a ne a dira namane e tona ya tiro, a bula semmuso sepatela sa Sekgoma ka ngwaga wa 1928,” ga tlhalosa Mme Monyena.
Mme Monyena a re Seretse e ne e le motho a kgone lebela kwa pele ka jalo o kgone go bopaganya merafe e farologanyeng ya Botswana ka go dira lenaneo la ditlhabololo le le akaretsang botlhe.
A re lefa go sena go bonwa ditswammung ebong teemane, Seretse o ne a tlhomamiso gore meamuso eo e akolwa ke botlhe ka tekatekanyo.
O boletse fa e ne ele motho yo o ratang therisano, kutlwano, kagiso le neelano.
“One a sa rate go ikgagapelela sepe. O ne a tlotlwa thata ke baeteledipele ba mafatshe a mangwe segolo bogolo ba kgaolo ya Aferika,” ga tlhalosa Mme Monyena.
Nngwe ya ditiragalo tsa letsatsi leo e ne ya nna go baya dithunya kwa mabitleng a ga Seretse le mohumagadi wa gagwe e eneng e eteletswe pele ke motshwarelela bogoisi jwa ga Mmangwato, yo o sa tswang go tlogela tiro ka bogodi bosheng, Kgosi Sediegeng Kgamanne.
Dikereke ka go farologana di ne di ipelela tiro ya letsatsi leo ka dihela le go baka morena. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Letsatsi la matsalo a ga Sir Seretse Khama
Date : 03 Jul 2022