Breaking News

Ba batla puso e emisa go thapa bagodi

03 Jul 2022

Puso e tshwanetse go emisa go thapa batho ba tlogetseng tiro ka bogodi, go buiule jalo monni wa Tsabong Rre Edwin Babeile. O ne a ne a rolela lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setshabeng ka tshekatsheko ya molao motheo mogopolo bosheng. 

Rre Babeile a re go dira jalo ga go a siama ka jaana motho wa go nna jalo a tsaya madi a bogodi, a bo a tsaya a pension le a tiro e a e thapetsweng, mme se se botlhoko e le gore o thibile phatlha ya tiro e e ka bong e tserwe ke monana. 

Ka jalo a re go papamadiwe mo molaong gore fa motho a setse a tlogetse tiro ka bogodi a seka a thapiwa gape, gope go bulela banana diphatlha tsa mebereko. 

Mo kopong ya gagwe e nngwe, Rre Babeile a re a mopalamente le mokhanselara yo o tsenang mo setilong a tlamege go kwala dithoto tsa gagwe gore e tle e re fa a ka simolola go dira dithoto dingwe a le mo setilong ka go senya a bolele gore jaanong o tsaya kae madi a a kalo kalo. 

A supa jalo gore seo se ka thusa go emisa tshenyetso setshaba. Mo go tsa itshireletso a re molao motheo o letle gore ba sepodisi ba neelwe ditlhobolo go iphemela mo dirukutlhutlhing ka jaana borukutlhi bo tsere phekelo e sele. 

Rre Leo Tumaeletse ene o ne a re katlholelelo leso e tswelele mme e diragadiwe ka bofefo jo bo kgonagalang. 

A re lefatshe la Botswana le se letlelele kgatelelo go tswa kwa mafatsheng a mangwe ka a sa itse dikgwetlho tse le lebanyeng le tsone. 

Mo dikgannyeng tsa kabo ya lefatshe, Rre Tumaeletse a re lefoko ‘tribe’ le tshwanetse le ntshiwe mo molaong wa tsamaiso ya leatshe la morafe. A re seka ga buiwa ka morafe ope, mme go twe ka gore fa re bua ka merafe lefatshe la Botswana le merafe mentsi. 

Fa a itebaganya le merero ya bogosi o ne a re, "A dikgang tsa Bogosi di rarabololwe ke Ntlo ya Dikgosi, e seng maphata a puso.” A re go reka batlhophi go atile mo sepolotiking le mo bogosing, dikomiti tsa ditlhabololo, le mo metshamekong ka jalo molao-motheo o tshwanetse wa papamala gore ope yo o dirang jalo a seka a letlelelwa go emela maemo ape a ditlhopho. 

A re molao o o dirisiwang go tlhopha dikgosi mo mafelong a go senang Kgosi ka letsalo o phimolowe mme go dirwe gore bogosi bo tsalelwe. 

A re molao motheo o tshwanetse wa papamala gore mapalamente le makhanselara ba tshwanetse ba tshegetsa maemo ao dingwaga tse di lesome fela Rre Moroka Tumaeletse ene o ne a re molao motheo o tshwanetse wa fetolwa gore mapalamente ba seka ba dirwa matona ka gore seo se ba itsa go lebagana le tiro ya dikgaolo tsa bone. 

Rre Lucky Lorekang ene o kopile gore molao motheo o tswelele fela jaaka o ntse, Tautona a tlhophiwe ka palo ya mapalamente a gagwe. A re fa Tautona fa a ka dira molato a sekisiwe morago a sena go tswa mo setilong. 

O kopile gore go nne le kgotlakgotla ya tharabololo molao gore fa go padile ko kgotleng kgolo ya ditsheko ya boikuelo moikuedi a kgone go ka ikuela kwa go yone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Tshekatsheko ya molao-motheo

Date : 03 Jul 2022