Breaking News

A kgosi a tlogele tiro fela fa a lapile

03 Jul 2022

Kgosi o tshwanetse a tlogela tiro fa e le ene a ikutlwelang gore o lapile eseng go beelwa dingwaga tsa pereko ke molao. 

Rre Piet Kartze yo e leng kgosana ya tetlanyo ya kgotla ya Matlhatlaganyane mo Tsabong, o ntshitse mogopolo o mo phuthegong ya tshokologo e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setšhabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo ka bosheng. 

“A kgang ya go tlogela tiro e tswe mo go kgosi ha a lapile,” o ne a bua jaana fa a rola mogopolo mo boemong ja magosi a motse wa Tsabong. 

O ne a kopa gape gore go nne le lekgotla la bo-kgosi-kgolo le e tlaa nnang lone le le letlanyang magosi fa go na le maraganateng.

Mo go tse dingwe, moemedi yo o ne a tlhalosa fa ba dumela thata gore bogosi bo nne le mojaboswa eseng go tlhophiwa jaaka go diragala mo nakong eno. 

“A go nne le kgosi-kgolo, mothusa Kgosi, moemela kgosi yo mogolwane, moemela kgosi, kgosi e e sekisang, le kgosi ya tetlanyo mo metseng ka go farologana,” o ne a re nako e gorogile gore lefatshe leno le nne le lephata la ngwao le setso le le tlaa itebaganyang le dikgang tsotlhe tse di amanang le ngwao. 

Fa a bua mo boemong jwa lekgotla la baruti la Tsabong, Moruti Mareko Tolosi o ne a kopa gore dikereke di farologanngwe le mekgatlho e mengwe e e leng teng ka di faphegile. 

A re kereke e tshwanetse ya direlwa tsamaiso ya yone ele esi le go tlhomelwa molao o o tlaa e tsamaisang. 

O ne gape a kopa gore dithulaganyo tsotlhe tse puso e di dirang di amana le kereke di tshwanetse go dirwa go setswe therisanyo morago ka nako tsotlhe gore kereke e seka ya kgaphelwa kwa ntle. 

Rre Neo Tumaeletse wa lekgotla la Molopo Small Stock Association Marketing Cooperative o ne a lela ka tlhaelo ya ditlamelo di tshwana le metsi tse a rileng molao-motheo o tshwanetse go patika puso go di neela barui ba dihutshane. 

“Molao-motheo gape o tshwanetse wa sireletsa barui ba babotlana kgatlhanong le go tseelwa lefatshe. 

Bangwe ba barui ba go nna jaana ebile ba phuthile ba boetse magaeng,” a tlhalosa jalo. 

Sebui se sengwe e ne ya nna Mme Tiny Khole wa Wellpoint Poulty Association yo o neng a lela ka letlhoko la matlhabelo a dikoko mo motseng wa Tsabong. 

Ba Kgalagadi South Non-Governmental Organisation (KGASANGO) bone ba ne ba supa fa ba eletsa gore khuduthamaga ya ga Tautona e tlhophiwe kwa ntle ga palamente le gore makgotla a tshwana le a twantsho tshenyetso sechaba, Mosireletsi le amangwe a tshwanetse a tswa ka fa tlase ga ofisi ga ga Tautona. 

Moemedi wa lekgotla le, Rre Peter Tumaeletse o ne a tlhalosa gape fa go le botlhokwa gore baokamedi ba makgotla ao ba tlhomiwe ke palamente eseng Tautona jaaka ele tsamaiso ya nako eno. ends

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : TSABONG

Event : Tshekatsheko ya molao-motheo

Date : 03 Jul 2022