Lekoko le thusiwa ka P3 million
03 Jul 2022
Lekoko le le sekasekang go kgaoganngwa ga dikgaolo tsa botlhophi le abetswe P3 million gore le dire patlo maikutlo lefatshe ka bophara.
Fa a bua kwa bokopanong jwa makalana ka go farologana kwa Mahalapye bosheng, mogolwane wa Ofisi ya Ditlhopho (IEC) ya Mahalapye, Rre Gakenosi Motshwarakgole o tlhalositse fa ofisi ya IEC e tlaa thusa lekoko ka go tshwara madi le go e adima diofisi gore e kgone go dira tiro ya yone sentle.
Rre Motshwarakgole a re kgaoganyo ya melelwane e dirwa morago ga palo batho e le yone e setseng e nnile teng.
O tlhalositse fa tiro ya lekoko e e le go kanoka kgaoganyo ya dikgaolo ka go lekalekana e lebile palo ya batho, ebile ba ithutile melelwane yotlhe ya dikgaolo tsa botlhophi.
O boletse fa lekoko le setse le simolotse go batla maikutlo mo dikgaolong tse dingwe, mme a rotloetsa baeteledipele go baakanya megopolo pele ga lekoko le goroga kwa di kgaolong tsa bone go itsa gore ba tseelwe ditshwetso tse di ka ba bayang ka fa mosing.
“Fa ba tsaya megopolo ba leba gore le bapile le eng tsa tlholego, dikgaolo tsa bogosi, ditlhaeletsano le tse dingwe, mme ba leka ka bojotlhe gore ba seka ba kgaoganya merafe ba bo ba leba le sekgele gore a mopalamente o ka kgona go fitlhelela dikgaolo tseo,” a tlhalosa.
O boletse fa go kgaoganya lefatshe ka melolwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa mapalamente go le botlhokwa ka go tswa kgakala go dirwa mo lefatsheng leno, ka jalo kgang ya melelwane e tshwanetse ya dirwa mo ngwageng tse tlhano kana mo go tse di sa feteng lesome.
Rre Motshwarakgole a re go ne ga akanyediwa gore dikgaolo tsa botlhophi di okediwe mme ga go ise go rurifadiwe, ka go emetswe palamente gore e sekaseka kgang eo.
Fa bua ka ikwadisetso ditlhopho ya tlaleletso, Re Motshwarakgole a re e botlhokwa ka e neela batlhophi ba ba neng ba sa ikwadisetsa ditlhopho ka ngwaga wa 2019 sebaka sa go tlhopha mo ditlhophong tse di ka nnang teng tsa poeletso
O tlhalositse gore fa go ka nna le patlo maikutlo, ba ba ikwadiseditseng ditlhopho ke bone fela ba ba ka tsayang karolo. Rre Motshwarakgole o gakolotse botlhe ba ba eletsang go fudusa tlhopho go etela ofisi ya IEC, go santse go na le nako gore ba nne le sebaka sa go ka tlhopha fa go ka nna le ditlhopho tsa poeletso.
A re ofisi ya IEC e thusa batlhophi ka go dira meriti ya dikarata tsa ditlhopho mahala, fa karata e latlhegile kana e sa bonale sentle. Ka jalo, o rotloeditse botlhe ba ba latlhegetsweng ke dikarata tsa ditlhopho tsa 2019 go ikgogela ko IEC gore ba thusiwe ka go dira mereti eo.
Fa a tswala bokopano jo, Kgosi Godiramang Segotso go tswa Kalamare, o solofeditse fa ba tla gorosa molaetsa ko morafeng ka e le boikarabelo jwa bone e le baeteledipele.
A re tsotlhe tse di builweng di ba file lesedi mabapi le ofisi ya ditlhopho a bo a kgothatsa bogogi go fetisa molaetsa ko setshabeng gore ba kgone go baakanya megopolo, nako e santse ele teng.
Kgosi Segotso gape o rotloeditse badiri ba ofisi ya ditlhopho go ruta batho ka mosola wa go ikwadisetsa ditlhopho gore lefatshe le kgone go baakanngwa le bo le tlhabologe. BOPA
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 03 Jul 2022