Go dirisiwa botlhaswa ga bana go a tshwenya
03 Jul 2022
Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bosupa, wa kgotla ya Ramarope kwa Kalamare, a neng a dirisiwa ke monna wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe go tswa mo kgotleng eo.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mookamela mapodisi a Mahalapye, Superintendent Omphile Malemenyane o supile fa mmaagwe mosetsana a tlhalositse fa a ne a lemoga fa ngwana a na le diphetogo mo mmeleng mme fa a botsa mosetsana a supa fa a ne a robala le monna yoo.
O supile fa a ne a begela ba sepodisi ba ba neng ba isa ngwana kwa kokelong goya go tlhatlhobiwa ke ba bongaka mme ba rurifatsa fa a itsholofetse.
Supt Malemenyane a re monna yoo ne a tshwarwa mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.
Mo tiragalong e nngwe mapodisi a Mahalapye a tshegeditse monna wa dingwaga tse masome a mabedi le boraro wa kgotla ya Dilaene ka molato wa go dirisa ngwana wa dingwaga tse di lesome le botlhano wa kgotla eo mo Mahalapye .
Supt Malemenyane a re selalome se se kopane le mosetsana yoo ko marekisetsong a nnotagi bosigo. O supile fa monna yoo a ne a tsamaya le mosetsana ko a nnang teng morago ga maitiso kwa a fetileng a mo dirisa teng.
Supt Malemenyane a re e ne yare fa ngwana a tsena kwa lapeng motsadi a botsa kwa a letseng teng mme a supa fa a letse ko monneng yoo.
O boletse fa motsadi wa ngwana a ne a begela ba sepodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso.
O tlhalositse fa dikgang tsa go dirisiwa ga bana di tshwenya, a re bana ba ba ko tlase ga dingwaga tse lesome le boferabobedi ga ba ise ba lekane go tlhakanela dikobo ka ke bana ba ba sireleditsweng ke molao.
Mo kgetsing e nngwe, mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa kgang e mo go yone rre wa dingwaga tse masome a mabedi a neng a fitlhelwa ka setlhatshana se se belaesegang e le motokwane.
Mo potsolotsong, Supt Malemenyane o supile fa mapodisi ba tshwere monna yoo morago ga go mo phuruphutsha ba sena go kopana le ene mo tseleng bosigo. A re setlhatshana se ile go tlhatlhobiwa, mme fa go ka fitlhelwa ele motokwane o tla lebaganngwa molato.
O supile fa rre yo a tswa mo kgotleng ya Parwe mo Mahalapye.
Mo dikganyeng tse dingwe, Supt Malemenyane a re ba amogetse tiragalo ya go thubiwa ga matlo go bo go tsewa dithoto.
A re rre wa dingwaga tse masome a mane le boferabongwe o ne a bega fa a fitlhetse ntlo ya gagwe e thubilwe mo kgotleng ya Mowana mme ga utsuwa materase ,TV, le electronic meter box tse di lopileng madi a kana ka P7 000.
Mo tiragalong e nngwe, a re ntlo e ne ya thubiwa kwa kgotleng ya Mowana mme ga utswiwa palamonwana, decoder le mogala wa letheka wa Lenovo.
O tlhalositse fa dilwana tseo di lopa madi a fetang P6 000.
A re tiragalo eo e begilwe ke rre yo dingwaga tse di masome a mararo le boraro, mme a supa fa ba ise ba tshware ope mo ditiragalong tseo ka bobedi.
Ka jalo, o kopile setshaba go ba thusa ka ditlhotlhomiso.ends. BOPA
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 03 Jul 2022