Breaking News

A moretlwa o lele - monni

03 Jul 2022

Go tshwanetse ga papamadiwa mo molao motheong gore moretlwa o lele kw malwapeng le dikoleng go tsenya bana mo tseleng mo malatsing a gompieno a a ba tlhokang tsebe ba re ba na le ditshwanelo. 

Go buile jalo monni wa Tsabong Rre Geoffrey Kgathileng fa a ne a ntsha la gagwe ka Laboraro mo Tsabong fa pele ga lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setšhabeng ka tshekatsheko ya molao motheo. 

Rre Kgatlhileng a re moretlwa o tshwanetse wa lela ka jaana bana ba setse ba tswa mo taolong e bile maitseo a bone a kgagogile mo ba bileng ba betsa batsadi. “fa e le wena motsadi o re o mo tsholeletsa thupa jaanong ke ene a go tsholeletsang thupa,” a bolela jalo. 

Mme Boitshepo Babeile ene o ne a re bogadi Bo tshwanetse jwa bewa leitlho ka gore mo tlholegong ya jone, maikaelelelo e ne e se go rekisa bana. A re mo malatsing a gompieno bogadi bo a tura ebile bo a farologana go ya ka merafhe ka jalo go tshwanetse ga tsena mo molaong gore go papamale gore bogadi ke bokae. 

A re puso e tsenye leitlho bogadi ja gompieno ka e ka tswa e le jone bo dirang gore bana ba basimane ba ikgapele botshelo ka nako ya fa ba re ba a nyala. 

Mme Babeile o ne gape a baya lekoko leo pele mogopolo wa gore kgang ya thubetso e ntshiwe ko lekgotleng la sekgowa mme e isiwe kwa makgotleng a Setswana ka jaana koo ba a kopana go botsa bana dipotso. 

A re go botlhokwa gore batsadi ba mmelaelwa le ba mongongoregi ba kopane ba ikgotsofatse ka go ba ipoletsa dipotso gore e re mmelaelwa fa a ka bonwa molato mme a atlholwa botsadi jotlhe bo bo bo ikgotsofaditse. 

“jaanong kana fa kgang e le ko court le nna hela mo ditilong le bereka go lela go sena gore motsadi o ka botsa jang.” Rre Patrick Gabaatlholwe ene a re go botlhokwa gore bomme ba neele borabana bana, mme ebile batsadi ba emise go eteletsa tse ba di batlang ko pele. 

"A molao motheo o sireletse bana ka ngwana o belegwa ke batho ba babedi, " a rialo, a supa fa bomme ka bontsi ba ganela borre ka bana. 

"Fa Rre a ne a nyetse ka fa molaong a bo a kgaogana le mmangwana ka fa molaong o kgona go rontshiwa ditshwanelo tsa gagwe tsa go bona ngwana. Goromente o tshwanetse a ema ka dinao mo kgannyeng e go thusa gore borabana ba bone bana ba bone, ” a kopa jalo. 

Rre Ikanyeng Bok le ene a re go papamale mo molao motheong gore ngwana fa a tsholwa go dirwe DNA test mme go kwalwe gore ngwana ke wa ga mang. 

"A DNA e nne mo molao motheong ka gore bana ba felela ba latlhegelwa ke ditshwanelo tsa bone ka dilo dingwe di sa tsamaye sentle." Ends

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Tsabong

Event : Tshekatsheko ya molao-motheo

Date : 03 Jul 2022