Moretlwa o santse o tlaa lela - Kgosi Seretse
30 Jun 2022
Banana ba ba sa direng gope ba rotloeditswe go batla ditsela dingwe tsa go dira dikgwebo tse di potlana go itshetsa go na le go tlhola ba gobeya mo mekgwatheng le go nwa majalwa.
Kgosi Serogola Seretse o buile jalo kwa thuto-puisanyong tsa malatsi a mararo kwa Serowe. Go ne go tsile banana ba le makgolo mabedi go tswa mo Serowe le tikologo.
A re e le ba bogosi, ba duba thankga ya go lwantsha botlhokatsebe jwa banana.
A re ditsheko tse dintsi ke tsa banana ba ba senyang, ba ba thubang matlo ba utswa dithoto.
A re ba tlaa tswelela ba letsa moretlwa go fitlhelela banana ba tsena mo tseleng.
O boletse fa go ngomola pelo go bo dingwaga tsa bone di santse dile kwa tlase, mme maina a bone a le mo dibukeng tsa mapodisi tsa melato.
A re le gone go tsewa menwana go tsile go ba senyetsa isago ka gore ga ba kake ba thapiwa gope.
Kgosi o boletse fa mapodisi a tlogela ditiro tse dingwe jaanong a tlhola ba alotse banana ba ba ikaeletseng go amoga batho dithoto.
O ba rotloeditse go adima masimo mo masikeng, ba leme ba rue go na le go nna fela ba solofela fa ba ka thapiwa.
Rre Botshelo Nthaga, mongwe wa banana o boletse fa dithuto tseo e le go arogana maele a botshelo, le go ba tlhatlhelela ka fa ba ka kopang dithuso ka teng mo pusong.
Rre Nthaga o boletse fa maikaelelo e le go fetola ka fa ba akanyang ka teng.
Bontsi jwa banana ba boletse fa go tlhoka lefatshe la kgwebo go ba beile ka fa mosing.
Ba boletse gape gore ba ba setseng ba na le dikgwebo, dingwe di phutlhame ka ntata ya go tlhoka kitso ya go ipapatsa le go di tsamaisa.
Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara e bile e le mogwebi go tswa Gaborone, Mme Motamma Horatius o rotloetditse banana go tsena mo dikgwebong go na le go baya matshelo a bone mo pusong fela.
Mme Horatius, yo o kileng a tsenelela Big Brother Africa o boletse banana gore ba seka ba kgojwa marapo ke sepe.
O boletse fa palo ya banana e le yone e ntsi mme gape ke bone ba gateletsweng ke letlhoko la ditiro, ka jalo o ba rotloeditse go ema ka dinao go dira dikgwebo go itshetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : thuto-puisanyo
Date : 30 Jun 2022