Ba ga Mokgalo-o-thebe ba a itshunuka
29 Jun 2022
E tlaa re Lwetse a tlhola malatsi a le masome mabedi le boraro baemedi ba bogosi jwa ga Ngwaketse ba bo ba le kwa Lesotho ba ile go batlela Kgosi Malope II sego sa metsi.
Modulasetilo wa komiti e e rulaganyetsang nyalo ya ga Kgosi Malope le moletlo wa go ipelela dingwaga di le lesome a tlhomilwe kgosikgolo o boleletse phuthego ya bobegadikgang kwa Kanye ka Labobedi fa patlo e tlaa salwa morago ke mokete ka le le latelang, fa mohumagadi a tlaa gorosiwa kwa Kanye kgwedi e e latelang e supa.
Rre Otlaadisa Koosaletse a re meletlo e, ke mengwe ya ditiro tse ditona tse di tlhokang morafe go ema ka dinao.
“Re solofetse gore tiro e e tshologelwe ke batho ba le bantsi, ka jalo re tshwanetse ra e ipaakanyetsa. Tiro e, e tona e bile e tlhoka thotloetso ya morafe ka kakaretso.”
O rotloeditse morafe wa ga Ngwaketse go ikamanya le dikomiti ka go farologana gore tiro eo e atlege.
“Maikaelelo ke go bona gore dithulaganyo di dirwa ka tsela e e siameng e e nang le morero. Re rotloetsa le ba-na-le seabe ka go farologana go tsenya letsogo mo tirong e.”
E re ka jaana mokete wa go ipelela dingwaga di le lesome Kgosi Malope a tlhomilwe kgosikgolo ya Bangwaketse o ne wa tlosolosiwa ngogola, Rre Koosaletse o supile fa le one o tlaa nna ngwaga ono kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le matlhano.
A re Bangwaketse ba tshwanelwa ke go tlotlomatsa mokete o ka go ipelela ditiro tse Kgosi Malope a di dirileng a le mo setilong.
“Re tshwaetse re mo tlotlomatse ka ditiro tse a di dirileng e le mong wa rona mo dingwageng tse some tse. Re tshwanetse ra lebogela gore Bangwaketse ba ka fa tlase ga bogosi jo e leng gore ba ka ipelafatsa ka jone mo Borwa jwa Afrika.”
A re kwa ntle ga go timola matlhotlhapelo a a bakilweng ke bolwetse jwa COVID-19 mo dingwageng tse di fetileng, moletlo oo gape ke ipelafatso ya diphitlhelelo tsa ga Kgosi Malope, ka tse a di kgonneng le ditiro tse a neng a di rotloetsa morago ga go tlhomiwa kgosikgolo.
A re mo dikgwageng tse di lesome e le kgosikgolo, Kgosi Malope o ne a tlhomiwa mothusa modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, a bo a tsosolosa dikgafela le moletlo wa letsatsi la ngwao.
A re ka thotloetso ya gagwe, ditshupo tsa temo-thuo di ne tsa boela mme leobo la kgotla kgolo la atolosiwa.
Mo godimo ga moo, Rre Koosaletse o akgoletse kgosikgolo thotloetso ya gagwe mo go agelelweng ga mabitla a Mmalekwa, kwa go boloketsweng magosi a ga Ngwaketse, baruti ba kereke ya Lontone le masole a pele teng.
O boletse gore mo go ipaaknyetseng moletlo oo, go tlaa nna le ditiro tsa matlhagola tsela ka go farologana di akaretsa go bolotsa mophato, ditshupiso tsa dikgafela, letsatsi la barui ga mmogo le lobelo lo lo itsegeng ka leina la Kgosi Malope II Marathon.
A re maikaelelo ke go kokoanya madi a a tlaa thusang mo tirong eo, mme gape ba kopantse le go batla barotloetsi.
E rile a tswa la gagwe, Kgosi Thatayaone Makaba a supa fa dipaakanyo tsa tseo ya ga Kgosi Malope di tsweletse sentle mme ba tsweletse ka go rerisanya le batsadi le ba-na-le seabe ka go farologana.
O tlhalositse fa gape mephato ka go farologana e tsweletse ka go ipaakanyetsa go keteka moletlo wa go bewa ga ga kgosikgolo.
“Re eletsa gore letsatsi leo re itshupeng ka go dira bontle, le go leboga Modimo gore rraarona Kgosi Malope a bo a na le dingwaga di le lesome e le kgosikgolo.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : KANYE
Event : phuthego ya bobegadikgang
Date : 29 Jun 2022