Dikomiti ga di sale ditsamaiso morago
29 Jun 2022
Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Serowe, Mme Motshidisi Mmolawa a re ditsamaiso dingwe tse di sa salweng morago ke dikomiti tsa ditlhabololo di a tshwenya.
O ne a bua jaana ka Mosupologo fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa Serowe tse di leng disha mo go tlhophiweng di fiwa dithuto tsa ditsamaiso tse ba tshwanetseng go di sala morago.
Mme Mmolawa a re go le gantsi dikomiti tsa ditlhabololo ga di tsamae sentle mo dikgannyeng tsa go tsaya boikarabelo.
O supile fa bontsi jwa dikomiti tsa ditlhabololo tse di fetileng di ne tsa seka tsa tsaya ka tlhoafalo kgang ya gore ba tsise bosupi jo bo neng bo tlhokwa fa go dupiwa dibuka.
O ne a itsese dikomiti tseo fa di direla setshaba mme dithoto tsa morafe di le mo diatleng tsa bone, ka jalo ba tshwanetse ba dire tiro ya bone ka manontlhotlho.
A re ba tshwanelwa ke go kopa thuso mo go bommaboipelego ka ba dira thata le bone.
Mme Mmolawa o ne gape a kopa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go dira mmogo ntleng le dikgogakgogano ka di busetsa tiro kwa morago.
Modupi wa dibuka tsa khansele potlana ya Serowe, Mme Engelinah Letshabo le ene o ne a supa fa e le badupi ba dibuka ba itemogetse fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di sa tshware madi le dithoto tsa setshaba sentle.
A re go le gantsi dikomiti tsa ditlhabololo ga di kwale madi a ba a amogetseng go tswa golo gongwe mme ba felele ba nna le a a tlhaelang fa go dupiwa dibuka, ka jalo a re madi a tshwanetse a kwalwe a bo a direlwe diresiti.
O ne a re dikomiti di tshwanetse di nne le lenaneo la gore di tsile go dira eng mo ngwageng go itse gore ba tlaa dirisa madi jang.
O kopile dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go baya dibuka tsa bone sentle fa go babalesegileng go itsa gore di mele maoto kgotsa di senyege.
A re o itemogetse gape gore dikomiti di tlogela bangwe ba nna mo matlong go sena ditumalano.
Mme Letshabo o ne a kopa dikomiti tseo go itlwaetsa go dira ditumalano ka mokwalo gore e tle e nne bosupi fa dibuka di dupiwa.
O ne a kopa dikomiti, bogolo jang motshwara madi go baya madi otlhe kwa polokelong gore ba seka ba nna le tlhaelo epe ya madi fa ba dupiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Dithuto tsa dikomiti
Date : 29 Jun 2022