Breaking News

Ditsamaiso tsa palamente di tlaa sekasekwa

30 Jun 2022

 Melawana e e tsmaisang dipuisanyo tsa Palamente e tlaa sekwasekwa mo kgweding e e tlang go netefatsa gore serodumo sa Palamente se a boela.

Se se builwe ke motsamaisa dipuisanyo tsa palamente, Rre Phandu Skelemani kwa phuthegong ya lenaneo la go isa Palamente kwa bathong kwa Moshupa ka Mosupologo.

Rre Skelemani a re ba lemogile fa Batswana ba ngongorega ka boitshwaro jwa mapalamente mangwe ntswa maiteko a go kgalema a dirwa gangwe le gape.

“Tota Batswana ba a ngongorega gore bangwe ba mapalamente ga ba tlotlane e bile ga ba buisanye sentle kwa palamenteng.

Ka 2019 re ne ra rutuntsha mapalamente ka tsamaiso le boitshwaro jwa kwa palamenteng mme go a bonala seemo se boetse kwa morago.”

Rre Skelemani a re puso e ne ya tsaya tshwetso ya go gasa dipuisanyo tsa palamente mo maranyaneng e le maiteko a go atumetsa ditlamelo kwa setshabeng, selo se a reng jaanong se senngwa boleng ke boitshwaro jwa mapalamente mangwe jo bo fapaanang le botho jo Batswana ba itseweng ka jone.

“Fa re ne re dirisa setho sa rona se re tswang kgakala ka sone melawana e e tsamaisang palamente e ka bo e sa tlhokege.

Ga re tlhokane le melawana gore re tlotlane.”

E rile a mo kgwa dikgaba, Kgosi Malepa Orekeng wa Ntlhantlhe a re go tlhabisa ditlhong gore mapalamente ba bo ba sa itlotle e bile ba sa tlotle setshaba se se lebelelang dipuisanyo tsa bone kwa Palamenteng.

A re mo malatsing a gompieno Palamente e reediwa le ke bana, ka jalo go botlhokwa gore mapalamente a tlotlane. 

“Maitsholo a mapalamente mangwe a tlhabisa ditlhong e bile a a fatlha, ga a supe setho sa Batswana.”

A re go botlhokwa gore mapalamente ba rutuntshiwe mo go tseneletseng ka boitshwaro le tlotlo jaaka ba tshwanetse go dira e le baemedi ba setshaba.

Rre Felix Bome le ene o ne a iteela mafoko ao kobo moroko, a tlhalosa gore mapalamente a tshwanetse go nna sekao mo baneng ba ba reetsang dipuisanyo tsa bone. 

A re ba tshwanetse ba tlhaloganya gore ba tlhophetswe go ya go emela setshaba ka neelano le tlotlo e seng go tlontlolola seriti sa Motswana.

 “A re tlotlaneng go lo ko palamenteng…lo batsadi, lo bomme le borre, a re tshwaraneng sentle.”

Mopalamente wa Moshupa/Manyana Rre Karabo Gare ene o ne a leboga Rre Skelemani le badiri ka ene go bo ba sedimoseditse batho ba kgaolo ya gagwe ka fa palamente e tsamaisiwang ka teng. 

O ne a tlhalosa gore e re ntswa kabakanyo ya madi e buisanngwa e be e dumalanwa ke mapalamente, go na le diemo tse di patikang gore ditumalano tseo di fetogelwe mme se, se ame ditlhabololo. 

O ne a fa sekai ka segajaja sa COVID-19 se se tsweletseng ka go tlhotlhora sekgwama sa puso, mme ka go dira jalo se ame ditlhabololo.

Rre Gare gape o ne a tlhalosa fa tsamaiso e sa letlelele botona go phuthologa go akgela le go botsa mo dikgannyeng dingwe fa go tshwantshanngwa le mapalamente a a emetseng dikgaolo fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MOSHUPA

Event : Phuthego

Date : 30 Jun 2022