Seemo sa motlobo wa dibuka wa Mahalapye se a tlhobaetsa
29 Jun 2022
Seemo kwa motlobong wa dibuka wa Mahalapye se bolelwa se sa jese di welang.
Mogolwane wa motlobo oo, Mme Ruth Malibala o tlhalositse jaana mo phuthegong le mopalamentse wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere ka Labone.
Mme Malibala a re motlobo oo, o mogologolo, mme ba eletsa gore o shafadiwe,
A re ka nako ya dipula o a na, fa lebotana le setse le sa tlhole le kgona go tshwara dibuka.
A re motlobo o monnye, ga o kgone go thusa morafe wa Mahalapye sentle, a kopa mopalamente gore ba agelwe motlobo o o tlhabologileng e bile o le motona.
Mme Malibala o kopile gape gore ba agelwe matlwana a boitiketso le gore go baakanngwe terata e e ageletseng motlobo, a tlatsa ka go re badirisi ba lela ka dibuka tse di setseng di onetse.
Fa a araba, Rre Tshere o ne a supa fa a lemoga letlhoko la motlobo wa dibuka mo motseng.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa kopo ya motlobo e ise e tsenngwe mo moalong ope wa dithuso, ka jalo, go sena tsholofelo epe ya gore go ka agwa o mosha mo bogaufing.
Rre Tshere o ne a re paakanyo le dibuka o tlaa di sekaseka le ba lephata le le maleba, gore motlobo o thusiwe go santse go emetswe o mosha.
Mopalamente o ne gape a ikuela mo setshabeng go abela motlobo wa Mahalapye didirisiwa jaaka dibuka, dikhomputara le tse di dirisiwang ke bana ba bannye, mme a rotloetsa badiri ba one go bereka thata le dikole go thusa go tokafatsa maduo a bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya mopalamente
Date : 29 Jun 2022