Breaking News

Kgosi ga e tlhophiwe e a bewa - Ledimo

29 Jun 2022

Banni ba Tsau mo kgaolong ya Ngamiland ba tlhoboseditswe gore ga ba kake ba letlelelwa go itlhophela kgosi jaaka ba kopile.

 Kgosi Aleyo Ledimo go tswa kwa goo Tawana o tlhobositse jaana mo phuthegong e a neng a e buisa le ba bangwe ba bogosi joo Tawana kwa motseng oo bosheng.

Se se tla morago ga gore Kgosi Ebineng Potsoeng a tlogele tiro ka bogodi, ka jalo mothusi wa gagwe, Kgosi Gaetimelwe Keathotswe a tsholediwa maemo go nna kgosi ka Motsheganong.

Go latela ditiragalo tse, morafe wa Tsau o ne wa kopa gore o letlelelwe go tshwara ditlhopho go itlhophela mothusa kgosi go tswa mo motseng ka jaana ba itsane botoka e le morafe wa Tsau.

Ba ne ba supa fa bogosi jwa Tsau bo kgethegile bo sa tshwane le jwa Batawana kwa Maun kwa e leng gore bo a tsholelwa e bile go itsewe gore ke mang kgosi go ya ka ditso.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Ledimo o ne a tlhalosa gore ga go kake ga tshwarwa ditlhopho tsa bogosi jwa Tsau mme e bile ene le lekoko la gagwe ba romilwe ke kgosikgolo wa Batawana go papamatsa kgang e.

Kgosi Ledimo o ne a tlhalosa fa bogosi bo tshwanetse go sirelediwa ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka gore ditlhopho di senya tsamaiso le seriti sa bogosi ka di tsisa kgotlhang mo motseng.

O ne a fa sekai ka bogosi jwa metse ya Seronga, Toteng, Habu, Bodibeng le Shakawe, a tlhalosa fa ba ne ba baya kgosi go sena ditlhopho mme morafe wa amogela tshwetso eo.

Kgosi Ledimo o ne a ganetsa magatwe a a supang fa bogosi jwa Batawana bo na le mongwe yo ba mmeileng leitlho e bile ba tlaa mo tsaya golo gongwe e seng mo Tsau.

O ne a kopa morafe gore ba reke bukana ya melawana ya bogosi (Bogosi Act) ba e bale ba bo ba e tlhaloganye ka gore mo bokopanong jo bo latelang ba tlaa fiwa sebaka sa gore ba dumale kgotsa ba gane tshwetso ya gore ga go na ditlhopho ba dirisa molao wa bogosi.

Kgosi Ledimo o ne a tlhalosa fa bogosi bo sa tshwane le ditiro tse dingwe jaaka sepolotiki, borutabana kgotsa booki, ka jalo a kopa morafe go tlogela kgang ya ditlhopho mo bogosing.

O ne a tswelela a bolelela morafe wa Tsau gore fa ba sa dumalane le tshwetso ya peo ya kgosi ba a letlelesega ka fa molaong go pega kgang kwa go tona le go ntsha mabaka a gore ke eng ba sa dumalane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : TSAU

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jun 2022