Breaking News

Se tlhophololeng ba ba tswang dikgolegelong

26 Jun 2022

Morafe wa Gungwe o tlhomile komiti e e itebagantseng le go tlhoma leitlho dikgato tsa ba ba tswang kgolegelong.

Komiti e e tlhomilwe jaana ka Labotlhano mo phuthegong ya kgotla e mo go yone mogolwane go tswa kwa lephateng la dikgolegelo kwa kampeng ya Gerald, e e tshegetsang ba ba tsenang mono e se ka fa molaong, Superintendent Oletile Nfanyana a neng a tsibosa batho ka lenaneo le ba sa tswang go le simolodisa la Offender Reintegration mme a ba kopa go tlhama komiti.

A re komiti eo e tlaa bo e dira e tshwaragane le bodiredi jwa dikgolegelo go diragatsa lenaneo la Offender Reintegration le le simolodisitsweng semmuso ngogola ka Phalane.

Mo lenaneong le, mongwe le mongwe yo o tswang mo kgolegelong o a buledisiwang go ya go rolelwa semmuso boeteledipele jwa motse le botsadi jwa gagwe, go na le pele mo e neng e re motho a wetsa katlholo ya gagwe a bo a bulelwa dikgoro go leba kwa a lebang teng.

Superintendent Nfanyana a re batho ba ba tswang dikgolegelong ba tshwanetse ba ikutlwa ba amogelesegile mo setshabeng, ka seo se ka ba gwetlha go ikotlhaela go inaakanya le se se neng sa ba romela kgolegelong, ka jalo ba itlama go fetogela mekgwa ya bone.

Superintendent Nfanyana a re go le gantsi batho ba boela kwa dikgolegelong gangwe le gape, e le ka go bo setshaba se ba tshelelang mo go sone se paletswe ke go ba amogela mme ba bo ba felela ba itlhoboga mo botshelong, ba tswelela ba inaakanya le mekgwa ya bone e e sa tlhamalalang.

Superintendent Nfanyana a re bone e le ba dikgolegelo ba lemoga botlhokwa jwa go aga batho sesha, ke ka moo ba sa tswang go simolodisa thulaganyo ya Offender Reintegration go leka go bopa botsalano magareng ga yo o tswang kgolegelong, botsadi ga mmogo le banni ba motse.

A re ba itlamile go botsolotsa ope yo o gorogang kwa kgolegelong ka se se bakileng gore a bo a dirile molato, mme go tsweng foo a bo a romelwa kwa go ba ba sidilang maikutlo, ba ba akaretsang ba boipelego le ba ba bopang batho sesha.

Go ntse go le foo, Superintendent Nfanyana o ne a rotloetsa batho go nna ba etela ba malwapa a bone fa ba le kwa dikgolegelong, ka go ka ba fa sebaka sa go nna ba ba gakolola fa ba kgonang teng.

O ne a tlhalosa fa ope yo o mo kgolegelong mme a ise a atlholwe a kgona go tlholwa tsatsi le letsatsi, fa ba ba setseng ba atlhotswe bone ba tlholwa gangwe mo kgweding.

Mo godimo ga moo, Superintendent Nfanyana a re fa ba le kwa kgolegelong ba ithuta dilo ka bontsi, tse di akaretsang ditiro tsa diatla tse e ka reng ba setse ba dule mme ba inaakanya le tsone ba kgona go itshetsa, ka moo a rotloetsa setshaba go nna ba ba rotloetsa ka go reka dithoto tsa bone.Mo mafokong a kamogelo baeng, Kgosi Smart Boy o ne a lebogela maiteko a ba dikgolegelo a go leka go aga batho sesha.

Kgosi Boy a re o bona leina ‘kgolegelo’ jaanong le sa tsamaelane le namane e tona ya tiro e e dirwang kwa dikgolegelong, a re o eletsa le ka fetolwa mme ga tewa le le sha, le le tsamaelanang le go bopiwa sesha ga batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : GUNGWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jun 2022