Breaking News

Banni ba ngongorega ka boitsholo jwa mapalamente

26 Jun 2022

 Banni ba Nata ba re ga ba itumedisiwe ke boitsholo jwa mapalamente mangwe a a sa rekegeleng maikutlo a ba bangwe ka nako ya dipuisanyo tsa Palamente.

Ba re boitsholo jo bo feleletsa bo tsala dikomano, ba re se se thona ke gore thulaganyo eo e gasiwa mo Btv.

Banni ba ntshitse matshwenyego kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, Rre Pandu Skelemani ka Labone.

Ba kopa gore ba tlotlane le go tlotla motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente gore a di tsamaise sentle.

Rre Bonewamang Ntuane a re mapalamente ba tshwanetse go tlotla le go tlogela mokgwa wa go dirisa mafoko a a tlhabang.

A re seriti sa Palamente se setse se ole mo o ka sekeng o farologanye Palamente le mabala a polotiki.

A re go lebega fa batlotlegi bao ba etse palamenteng dikeletso tsa bone.

O ne a gatelela ka go re tlotlo e batlhophi ba e efang mapalamente le bone ba tshwanetse go e supa, a re ka jalo o solofela fa ba tlaa ititaya ka thupana go fetola boitsholo joo.

E ne e rile pele, Rre Skelemani a tlhalosetsa banni ka tsamaiso ya Palamente, a bolela fa e le gone kwa go dirwang melao e e tsamaisang lefatshe le go rebola tiriso ya madi a setshaba.

O ne a bolela fa bolwetse jwa Corona le fa bo ne jwa tla ka matlhotlhapelo mme bo ba butse matlho ka gompieno dipuisanyo di kgona go tsamaisiwa ka tiriso ya maranyane ba le kwa mafelong a a farologanyeng. 

O ne a bolela fa palamente e kgona go tsenela mo mafelong a a farologaneng e seng Gaborone fela.

O ne a kopa banni go tshwaragana le komiti ya ditlhabololo tsa motse, a re ke yone palamente ya motse e e rulaganyang mananeo a ditogamaano tsa ditlhabololo.

Ka boitsholo jwa mapalamente, o boletse fa bangwe ba boetse mo sethong, a re go setse ba se kae fela ba le bone a solofelang fa ba tlaa nna ba ikaga fa go ntse go tsweletse.

Mo matshwenyegong a a amang banni ba kgaolo eo, a tshwana le tlhaelo ya metsi le tsela e e senyegileng ya Nata-Maun, o ba tshephesitse go di tsaya mhago go isa kwa go ba ba lebanyeng.

Rre Skelemani o mo loetong la go tsamaya le dikgaolo a ruta setshaba ka Palamente. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : NATA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jun 2022