Baruti ba kgothatsa setshaba go itshwarelela ka lefoko la Modimo
26 Jun 2022
Baruti ba dikereke kwa Maralaleng mo Kgalagadi Borwa ba kgothaditse diphuthego le setshaba go itsetsepela ka lefoko la Modimo ka e le lone makgonatsotlhe.
Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi leo ka Labone, mokwaledi wa kgosi Mme Gaamangwe Gofhamodimo o ne a tlhalosa fa e le go isa ditebogo kwa Modimong ka thapelo le dikgalaletso go bo o kgonne go tshegetsa setshaba mo mogareng wa Corona o o neng o gaketse mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.
A re COVID-19 e ne e apesitse lefatshe kobo ka letshoba, bangwe ba ne ba tlhokafala, fa bangwe ba ne ba falola ka bobi jwa segokgo, e se ka botlhale jwa bone mme e le pabalelo ya Modimo.
A re le le ntswa bolwetsi bo sa ntse bo gaketse, se se nametsang ke gore dintsho di kokobetse, selo se a supileng fa Modimo o tshwanelwa ke go galalediwa ka sone.
Baruti ba ne ba rapedisa dikgwetlho tsa lefatshe leno jaaka COVID-19, HIV/AIDS, dikotsi tsa tsela, botlhoka tsebe, go ikgapela matshelo, kagiso mo malwapeng le lefatshe ka bophara, le melelo e e dikileng e jele naga, dimela le ditshidi.
Moruti Omuni Gotlop wa UCCSA o ne a kgothatsa batsena thapelo eo go ikanya Modimo ka e le one ‘botshabelo le thuso e e gaufi mo tlalelong’ mme ba seka ba ngodiega ba tie mo thapelong le gone go tsepama mo lefokong la Modimo ka e le ene phodiso, tsholofelo le katlego mo dikgwetlhong tsotlhe.
O ne a tlhalosa fa ka nako ya bolwetsi bo simologa mongwe le mongwe a ne a tlelwa ke poifo, ketsaetsego le boitlhobogo ka jaana ba ne ba tshwanelwa ke go tsena mo dirubing.
O boletse fa ka ntlha ya thapelo Modimo o ne wa reetsa selelo sa batho mme wa kokobetsa bolwetse.
A re setshaba se seka sa tlhobaediwa ke sepe mme ba ise ditopo tsa bone kwa Modimong ka thapelo, a nopola mo lokwalong lwa Bafilipi 4:6-7.
Mongwe wa banana Rre Onkemetse Seremane o ne a kgothatsa banana ka ene go ikaega ka lefoko la Modimo ka le go ikgapha mo go direng tse di duleng mo tseleng ka di ka ba kgaoganya le Modimo.
A re ‘poifo Modimo ke tshimologo ya botlhale,’ ka jalo a rotloetsa banana go tlhagafalela go itse Modimo e seng go mo gopola fela fa go le botlhoko.
Fa a amogela batsena dithapelo mo kgotleng, Kgosi David Megano ll o ne a re go botlhokwa go leboga Modimo ka nako tsotlhe ka go babalela setshaba ka nako ya segajaja sa COVID-19 se se neng se apesitseng lefatshe kobo ka letshoba.
A re Modimo o tshwanelwa ke ditebogo ka a kgona go fetola dikeledi tsa kutlobotlhoko go nna tsa boitumelo.
O ne a leboga morafe, a re letsatsi leo le supa fa ba na le tsholofelo le tumelo ya gore diphetogo di tlaa nna teng mo setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MARALALENG
Event : Phuthego ya Baruti
Date : 26 Jun 2022