Badirelapuso ba akgolelwa boineelo
26 Jun 2022
Badirelapuso ba ba direlang kwa metsaneng e e kgakala le ditlamelo, kwa kgaolong-potlana ya Boteti, ba akgoletswe mowa wa boineelo.
“Badirelapuso fa ba tla go direla mo metsaneng e e kgakala le ditlamelo ba a bo ba ithaopile ka sengwe le sengwe sa bone, go bona gore ba nna le seabe mo tlhabololong ya matshelo a setshaba,” ga bua Mme Talita Monnakgotla, mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae.
O buile mo phuthegong ya kgotla kwa Khwee ka Labotlhano.
“Ke gore badirelapuso ba, ba abo ba ineetse go re thusa go isa ditirelo kwa bathong ba ba mo metsaneng e,” ga bua Mme Monnakgotla.
Mo godimo ga moo, o akgoletse maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Khwee (VDC) maiteko a bone a go etelela pele ditlhabololo tsa motse ba tshwaragane le badiri ba khansele-potlana ya Boteti.
A re tshwaragano ya bone e a thusa, bogolo jang go bona banni ba ikemela ka dinao go tlhabolola matshelo a bone ka mananeo a RADP.
Le ntswa a lemoga dikgwetlho tsa banni, mothusa tona o supile boitumelo ka maiteko a ba a supang mo go diriseng mananeo a puso go itirela ka diatla.
Ka 2021, a re palamente e fetisitse melao ya Citizen Economic Empowerment le wa Public Procurement, e a reng e ne e direlwa gore Batswana botlhe ba tseye karolo mo itsholelong ya lefatshe, ka jalo a rotloetsa banni go dirisa mananeo a puso gore melao e e kgone go ba solegela molemo.
Mo go tse dingwe, Mme Monnakgotla o gateletse fa segajaja sa COVID-19 se santse se le teng ka mashetla le dipalo tsa ba ba tshwarwang ka mogare o, di golelapele.
Ka jalo, o rotloeditse banni go tswelela ka go ikentela COVID-19 le go tsaya mokento wa tlaleletso.
Mo pegong ya gagwe, modulasetilo wa VDC ya Khwee, Rre Keneilwe Gasebatho o supile matshwenyego ka seemo sa tsela ya Khwee, e e sa tsamaegeng fa pula e nele ka bokete.
O ne a lela ka tlhaelo ya maroko a bodirelapuso le go tlhoka go gokelwa ga motlakase kwa kokelwaneng le kwa ntlong ya lepodisi le ya ga mmaboipelego.
“Re kopa go agelwa matlo a mangwe a bodirelapuso ka gore bontsi jwa bodiredi bo kopanetse matlo,” a tlatsa.
Rre Gasebatho o kopile gore ba direlwe kamore ya pelegiso kwa kokelwaneng, ga mmogo le go rekelwa koloi mo kgotleng.
Modulasetilo o ne a supa fa lepodise le lone a sena koloi.
Le fa go ntse jalo, o lebogetse kago ya matlo a RADP e e tsweletseng sentle, a re a mararo a setse a wetse.
O lebogetse kgokelo ya motlakase wa marang a letsatsi kwa kgotleng le kwa sekoleng le kwa marokong a RADS ka thuso ya Lucara Botswana, a bo a supa gape fa ba solofaditswe go agelwa sekole sa bananyana.
Mo phuthegong e nngwe ka Labone, modulasetilo wa Ditlhabololo tsa Motse wa Kedia, Rre Maikutlo Kenosi o supile matshwenyego ka tlhaelo ya bathusa barutabana kwa sekoleng se sebotlana.
Rre Kenosi o tlhalositse fa baithuti ba le bane, ba ba neng ba pasitse kwa Brigade, ba reteletswe ke go tsweledisa dithuto tsa bone go ya pele, ka lebaka la tlhaelo ya madi.
Mo godimo ga moo, o ngongoregile ka letlhoko la koloi kwa kokelwaneng, tiego ya go goroga ga dijo kwa sekoleng le go duela ba go rekwang mo gpo bone, letlhoko la boroko jwa bodirelapuso le tsela ya Kedia e e sa tsamaegeng fa pula e nele.
Le fa go ntse jalo, modulasetilo o akgotse kgato e e neng ya tsewa ke puso ya go aga magolegwa sesha le go ba tsenya gape mo setshabeng.
O ne a lebogela le tiro e e tsweletseng ya go agwa ga diofisi tsa kgotla, ga mmogo le go baakanngwa ga madirelo a borotho ya RADP le phaposi e go balelwang mo go yone.
Mme Monnakgotla o rotloeditse badiri ba khansele-potlana ya Boteti gore ba nne ba tsibogela matshwenyego a bone, ka bofefo jo bo kgonagalang.
A re se, se ka thibela go kekela ga dikgwetlho tse banni ba metsana e e kgakala le ditlamelo ba lebaneng le tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : KHWEE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Jun 2022