Breaking News

A go tlhongwe kgotla-kgolo ya boikuelo ya pereko

23 Jun 2022

Go tlhongwa ga kgotlakgolo ya boikuelo ya ditsheko tsa pereko go ka nolofatsa tsamaiso ya go rarabolola dikgotlhang fa gare ga mohiri le mohiriwa.

Se se builwe ke moemedi wa lekgotla la babereki la Botswana Public Employees Union (BOPEU) Rre Phemo Matlhogela fa a ne a abelena maikutlo le lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setšhabeng malebang le tshekatsheko ya molao-motheo kwa Mmadinare ka Labone.

Rre Matlhogela a re go ka nna molemo gore go nne le kgotlakgolo eo, gore e nne yone e e reetsang boikuelo go tswa kwa go ya ditsheko tsa pereko go na le go fetisetsa dikgang kwa kgotlengkgolo ya ditsheko jaaka go dirwa mo nakong eno.

Moemedi yoo wa babereki o ne mo ntlheng e sele a kopa gore ofisi ya Mosireletsi (Ombudsman) e okelediwe dithata mme ditshwetso tsa yone di lekanngwe ka bokete le tsa baatlhodi ba kgotlakgolo ya ditsheko.

A re kokeletso dithata eo e tshwanetse ya rebola le gore baikuedi ba nne le tshiamelo ya go fetisetsa dikgang tse di tswang kwa go mosireletsi kwa kgotlengkgolo ya boikuelo ya ditsheko tsa pereko.

Mo boemong jwa lekgotla la dikgosana, Kgosi Matshwenyego Mosweu o ne a kopa gore ditsetlana 77 go ya go 79 tsa molao-motheo di fetolwe mme mo boemong jwa go nankola merafe go kwalwe fela gotwe

‘Motswana’ gore morafe ope o seka wa nna le ngongora ya go kgapelwa ntle.

Rre Oreeditse Ranjo wa Zone 7 Farmers Association o ne ene a ikuela mo lekokong go tsenya mo molao-motheong tsetlana e e tlhomang seelo sa tlhwatlhwa ya thekiso ya kgomo.

A re tsetlana eo e ka araba selelo sa barui ka ditlhwatlhwa tse di ko tlase tse bommelara le bareki ba bangwe ba nama ba rekang leruo ka tsone.

Go sale foo, Rre Ranjo a re molao o tshwanetse wa iletsa thekiso ya dikgomo kwa merakeng, o bo o tlame bareki le barekisi go rekisetsanya leruo fela kwa masakeng a morafe a motse.

O boletse fa seo se ka thusa go nonotsha maiteko a go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo golelang pele.

Lekgotla la baruti la motse wa Mmadinare lone le gakolotse fa go tlhokega gore go nne le lekgotla le legolo la baruti (Umbrella Ministers Fraternal), le kwa tlase ga lone go tlaa phuthaganelang baemedi ba ditumelo tsotlhe.

Moemedi wa lone Rre Lekakaba Kgoromola a re lekgotla la baruti le le teng mo nakong e lone le ka tswelela ka tiro ya lone ya go kopanya badumedi ba Sekeresete go ya ka go farologana ga dikereke tsa bone, mme a supa fa le legolo lone le ka atamalanya ditumelo ka go farologana, seo e le go bopa mowa wa bommogo le wa neelano.

Rre Kgoromola o bile a boa a kopa gore letsatsi la ditlhopho le nne mo gare ga beke gore le seka la gotlhagotlhana le malatsi a kobamo a badumedi.

A re go tshwarwa ga ditlhopho ka mafelo a beke go kgoreletsa badumedi bangwe go ya go obama fa ba bangwe bone ba kgetha go ya dikerekeng mme seo se ba time sebaka sa go ka tsaya karolo mo ditlhophong.

Fa a ntsha lentswe la dikomiti: e e okelang balwetse kwa malwapeng, le ya motse ya botsogo, Mme Baboloki Rantshese, o ne a supa botlhokwa jwa gore di lemogwe ke molao le gore baithaopi ba tsone ba fiwe lemmenyana ke puso.

A re dikomiti tseo, go akarediwa le ya batsadi le barutabana di na le seabe se se botlhokwa mo matshelong a batho mo setshabeng ka jalo a bolela fa go lebanye gore maloko a tsone a tiisiwe mooko ka go latlhelelwa lemmenyana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MMADINARE

Event : Tshekatsheko ya molao-motheo

Date : 23 Jun 2022