Banni ba itumelela go gokelwa ya metsi
23 Jun 2022
Kompone ya Water Utilities Corporation e tsweletse ka go gokela metsi go tswa kwa letamong la Letsibogo go ya Damochujenaa.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Mogomotsi Rannyena o boleletse mopalamente wa Rre Molebatsi Molebatsi mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro, fa ba itumelela go bona kgokelo ya metsi e tsweletse mo motseng wa bone.
Rre Rannyena o ne a supa fa selelo se se tswang kgakala sa lenyora e tla nna selo sa maloba, ka puso e tsere tshwetso ya go ba isetsa metsi a a tlhatswitsweng.
A re se se a itumedisa ka ba ntse ba tshelela mo lenyoreng le go kokonelwa ke go duela sekoloto se se kwa godimo sa metsi, a ba sa a dirisang ka ba tsentse dipompo mo malwapeng. Rre Rannyena o ne gape a tlhalosa fa ba itumedisiwa ke go bona lenaneo la Ipelegeng le tsweletse, a re le fokotsa manokonoko a lehuma ka gore lemme le ba le boneng ba kgona go itshetsa le ba malwapa a bone.
O ne a tswelela a supa fa ba lebogela gape le mananeo a mangwe a puso a tshwana le la nyeletso lehuma, mme se se tshwenyang ke gore batho ba ba neng ba bona tshono ya go le bona ba ne ba seka ba le tsaya ka tlhwaafalo.
Rre Rannyena a re le ntswa ba itumelela dilo dingwe, ba santse ba tshwenngwa ke seemo sa tsela a re ga e a siama, mme e ka baka dikotsi.
O ne gape a tlhalosa fa batho ba ne ba beile ditema, mme ba sa tswa ka sepe kwa masimong ntateng ya pula e e sa nang sentle.
E ne ya re a akgwa modulasetilo dikgaba, Rre Molebatsi a supa fa tsela ya Damochujenaa e ne e ntsheditswe madi, mme a dirisediwa go ditlhabololo tse dingwe, a ba solofetsa fa a tla sala kgang eo morago, go tlhomamisa gore tsela e a baakanngwa.
Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi o ne a supa fa puso e na le keletso ya go bona Batswana ba itirela dijo, mme a ba rotloetsa go boela kwa mokgweng wa maloba wa go nna kwa masimo ka nako ya temo, go nna le nako e ntsi ya go tlhokomela dijwalo tsa bone. O supile fa puso e ikemiseditse go tlhabolola matshelo a Batswana, le go nonotsha temo le tlhabololo ya leruo, a re Tautona o e simololetse ka go abela bangwe dipoo go tlhabolola leruo la bone.
Rre Molebatsi o ne a rotloetsa banni ba Damochujenaa go se ikaege thata ka mananeo a puso, ka nako nngwe a tlaabo a emisitswe, ka ntata ya itsholelo e e sa iketlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : DAMOCHUJENAA
Event : Phuthego
Date : 23 Jun 2022