Breaking News

Dikgosana tsa tetlanyo ke dikgosi

22 Jun 2022

 Ka Setswana Kgosana ke ngwana wa Kgosi ka jalo go lolame go lemoga le go bitsa kgosana ya tetlanyo kgosi.

Rre Galeboe Gaerupe yo eleng kgosana ya tetlanyo ya kgotla ya Machekane mo Tsetsebjwe o roletse lekoko le le romilweng ke

Tautona go phutha megopolo mo setšhabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo mogopolo o kwa motsing oo maabane.

“Kgosana ke ngwana wa Kgosi, jaanong fa a neelwa maemo a kgotla e nna Kgosi,” o ne a tlhalosa jalo, a tlatsa ka gore morafe o lemoga sentle fa batho ba go nna jalo ele dikgosi tsa bone.

Ka moo, Rre Gaerupe a re molao-motheo wa lefatshe leno o tshwanetse go lemoga batho ba go nna jalo ele dikgosi tsa tetlanyo eseng dikgosana.

Mo tsamaisong ya merero ya lefatshe le kabo ya lone, Kgosana Gaerupe o ne a bolelela lekoko fa dikgosi di itse dithota le melelwane ya metse ya tsone ka jalo di tshwanetse go nna karolo ya kabo ditsha.

Ntlha e nngwe ya gagwe ke gore ere ntswa maloko a lekgotla la kabo ditsha ele badirela-puso ba ba nnang ba huduga ba ya go direla kwa mafelong a mangwe, dikgosi tsone ga di ke di fudugela gope, ka jalo di ka dira tiro e e botoka.

Fela jaaka ele mogopolo wa Batswana bangwe,

Kgosi Gaerupe a re ke keletso ya bone ele magosi gore bogosi bo dirwe letshego la bone mo tsamaisong ya puso.

“Go dira jalo go tlaa dira gore ditiro tsa ngwao di nne ka fa tlase ga lekalana le le lengwe, ebile go tla a nna motlhofo go laola dikgosi mo tirong ya bone,” a rialo, a tlatsa ka gore seo se ka dira gore Ntlo ya dikgosi e tswe ko tlase ga Ofisi ya ga Tautona mme e ikemele.

Mo go tse dingwe, Rre Gaerupe o kopile gore leruo le le nang le ditshipi, le jesitswe Omang ebile le rwesitswe manyena le batlisiwe beng ka kitso yotlhe ka lone e a bo ele teng.

A re go thona go le tsaya jaaka matimela.

O ne a bolela fa nako e gorogile ya gore ditsheko tsotlhe tsa bogodu jwa leruo di sekelwe mo makgotleng a Setswana, kwa a reng Batswana ba a bo ba gololesegile go iphemela ka puo ya bone, ebile makgotla a itse mefuta, mebala ga mmogo le tsamaiso yotlhe ya thuo.

“Dikgaolo dingwe di ditona thata, di tshwanelwa ke go kgaoganngwa, A ere go dirwa dikgaolo tsa bopalamente go akarediwe le tsa botlhophi ba ntlo ya dikgosi,” a tswelela jaana ka puo ya gagwe.

Fa a itebaganya le go letlelela mmelaelwa go letela tsheko a le kwa ntle ga kgolegelo, Rre Gaerupe a re motho wa go nna jalo o tshwanetse a fiwa sebaka mo lekgethong la ntlha fela mme go tswa foo a seka a tlhola a se bona gape fa a tshwelela a dira melato e mengwe gape.

O ne a bolelela lekoko gape fa merafe yotlhe mo lefatsheng la Botswana e na le tshwanelo ya go lemogwa le go kwalwa mo molao-motheong.

Go letlelela palo ya bongwe mo borarong ya mapalamente go tsaya ditshwetso mo ntlong go ya ka ene ga go a lekana.

A re bogolo go letlelelwe palo ya bobedi mo borarong (2/3) segolojang ka e feta sephatlo sa maloko a ntlo ya palamente. BOPA

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : TSETSEBJWE

Event : Tshekatsheko ya molao-motheo

Date : 22 Jun 2022