Breaking News

Banni ba Borotsi ba kopa kokelwana

22 Jun 2022

Banni ba motse wa Borotsi kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba kopa puso go ba agela kokelwana.

Ba supile fa ba na le dingwaga tse dintsi ba ntse ba kopa kokelwana mme ba sa e agelwe baba ba supa fa mo nakong eno ba setse ba tsenwe ke boitlhobogo jwa gore a puso e tla a felela e reetsa selelo sa bone.

Banni ba ne ba supa matshwenyego a, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa Lephata la Botsogo Rre Sethomo Lelatisitswe. Banni ba ne ba supa fa ba patelesega go tsamaya sekgele ba ya kokelong kwa motseng wa Chadibe kana Sefhare mme seemo seo se ba babalela.

Ba re ka nako ya fa metsamao e thibetswe ntateng ya segajaja sa Covid-19, seemo sa go tlhoka kokelwana se ne sa ba babalela fela thata ka ba ne ba sa tshwanela go tsamaela kwa metseng e mengwe. Ba re se ke sesupo sa go re ba tshwanetse ba thusiwe ka kokelwana gore le bone ba kgone go bona ditlamelo tsa botsogo sentle.

Kgosi Fokotsang Thabakanaka wa motse wa Borotsi o ne a supa fa morafe wa gagwe o bona dithuso tsa botsogo mme di sa kgotsofatse ka ba thusiwa ke baoki ba ba tswang kwa motseng wa Chadibe mme ka nako eo ba a bo ba thusiwa ka go kala bana fela.

A re fa baoki bao ba ba thusetsang teng ke kamore e le nngwe fela mme ka nako ya dipula kana fa seemo sa loapi se sa iketla ba felela ba sa thusiwe ntateng ya gore ga gona fa ba ba thusiwang ba ka nnang teng.

E ne e rile go le pele, mooki yo o okametseng kgaolwana ya botsogo ya Chadibe e e okametseng metse ya Mokobeng, Borotsi le Ngwapa, Mme Dimpoetse Mosekaphofu a supa fa baoki ba thusa motse wa Borotsi gabedi mo kgweding mme ba tswa kwa Chadibe.

O ne a re dithuso tse ba di fang banni ke tsa sekale sa bana fela ntateng ya gore ga gona lefelo le le babalesegileng le ba ka bayang didirisiwa tsa botsogo go thusa banni mo ditirelong tse dingwe.

Mme Mosekaphofu o ne a supa fa bodiredi jo bo thusang banni ba motse o bo tswa kwa motseng wa Chadibe mme bo sa lekana ka ba le batlhano fela mme yo o itebagantseng le ba ba itsholofetseng a le mongwe fela.

A re seemo se se a ba babalela mme o ne a kopa gore go okediwe baoki gore banni ba metse eo ba bone ditirelo sentle.

O ne gape a supa matshwenyego ka dipalo tse di kwa tlase thata tsa batho ba ba sa tsayang mokento wa tlaleletso wa Covid-19 a supa fa ba tshwanetse ba tsibogele go o tsaya.Le fa go ntse jalo Rre Lelatisitswe o ne a tlhalosetsa banni fa go kile ga nna le mongwe yo o neng a solofetsa fa a tla a ithaopela go agela motse wa bone kokelwana mme ka maswabi a seka a kgona go dira jalo. A re e rile morago ga tsholofetso ya gore go tla a agiwa kokelo, puso ya tsaya tshwetso ya go aga matlo a baoki mme rakonteraka yo o neng a aga matlo ao a tsena ka ga re itse ka jalo matlo ao a tla a feleletswa ke moagi o sele.

O ne a solofetsa banni fa e tlaare morago ga kago ya matlo a baoki a tla a sekaseka gore a ntlo e nngwe e ka seka ya fetolwa go nna kokelwana gore banni ba kgone go bona ditirelo tsa botsogo gaufi.

Rre Lelatisitswe o ne gape a gakolola banni go sekaseka gore a ba ka seka ba ikagela kokelwana ka madi a a fiwang dikgaolo go itlhabolola. O ne a supa gape fa kokelwana ya bone e sa tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo mme e tlhokana le go tsenngwa gore e re go ntse go sekwasekwa ditlhabololo le kokelwana ya bone e bo e le mo teng. BOPA

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : BOROTSI

Event : Phuthego

Date : 22 Jun 2022