Tshenyego ya mekento ya COVID ke tatlhegelo
22 Jun 2022
Mopalamente wa Letlhakeng/Lephephe Rre Liakat Kablay a re tshenyego ya mekento ke tatlhegelo e tona mo pusong ka jaana e rekilwe boturu mme jaanong o kare madi a latlhetswe ka motlhobodika.
Rre Kably a re puso e dirisitse madi a mantsi go reka mekento go lepalepana le COVID 19 ka jalo a rotloetsa Batswana go tsaya mokento ka jaana bolwetse joo bo santse bo le teng.
A re go ikgatholosa mokento ga go a siamela ope ka jaana Corona e dikile e dirile ntshenatshe mme mafatshe lefatshe ka bophira a le mo mathateng a go sireletsa batho ba bone.
Mopalamente o ne a bua mo kwa phuthegong ya kgotla kwa Malwelwe bosheng.
Rre Kablay o kopile banni go tsaya bolwetse jwa COVID-19 ka tlhwaafalo ka jaana bo gapile matshelo a batho ba le bantsi.
A ba kopa go tsaya mokento go thusa go fokotsa manokonoko a bolwetse joo fa bo ka ba tsena, a re ka mokento motho o kgona go tshela. Mopalamente a re ntswa puso e rekile mekento ya Corona ka go farologana sebe sa phiri ke gore Batswana ga ba tseye mekento eo mme e bile mengwe e setse e senyega.
O ne a supa fa puso ya Botswana e ne ya dira kilelo mesepele le dikereke tsa ema go obama ele tsela nngwe ya go fokotsa kanamo ya mogare oo. Mopalamente o ne gape a re diphuthego di ne tsa emisiwa ke ka moo go tsereng lebaka gore a tle go buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe.
A re ba ba kileng ba tsenwa ke bolwetse joo ba itse gore COVID-19 ga se diketo e bile ga go tshamekelwe mo go yone bogolo jang fa o kile wa bowa kwa sepateleng sa Sir Ketumile Masire.
Rre Kablay a re seo se feletse se tsaya madi a ditlhabololo go reka melemo le go thibile kanamo ya bolwetse joo. Ka jalo, a re keletso ya gagwe ke gore botlhe ba tseye mokento wa Corona go thibela bokete jwa bolwetse joo ntswa bangwe ba ne ba gana go o tsaya.
O ne a supa fa puso ya batho ka batho e sa patike ope go kenta mme e rotloetsa botlhe go tsaya mokento go boloka matshelo a bone. Mopalamente o ne a bolelela morafe wa Malwelwe gore lephata la botsogo le filwe madi a mantsi go fetisa a mangwe go lebeletswe gore le na le tiro e ntsi go baakanya tsotlhe tse di amanang le botsogo le gone go tokafatsa mananeo a botsogo.
O ne a bolelela morafe gore palamente e fetisitse molao wa thekiso ya motsokwe gore o seka wa rekiswa ka sengwe ka sengwe morago ga go lemoga gore banana ba goga motsokwe phetelela.
A re ka jalo thekiso ya motsokwe mo dimausung le dishopo e tlaa nna fela ya mophuthelo wa motsokwe (packet) e le tsela ya go fokotsa go gogiwa ga one.
Rre Kablay a re seo se tla thusa go fokotsa go gogiwa ga motsokwe ka jaana o bolaya makgwafo mme seo se koafatsa botsogo jwa motho. Bokhutlo BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MALWELWE
Event : Phuthego
Date : 22 Jun 2022