Mananeo a RADP a thusa tlhama ditiro
22 Jun 2022
Ditiro tsa morafe, tsa ditlhabololo tsa motse di ka thusa morafe ka go tlhama ditiro e le nngwe ya tsela ya godisa itsholelo ya metse.
Se, se builwe ke Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Makgaba le Mmea ka Labobedi.
“Motlotlegi Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le ene o bua thata gore re le Batswana, mo Botswana, re tshwanetse go itirela ka diatla gore re fokotse manokonoko a kwelo-tlase ya itsholelo,” a tlatsa.
Mme Monnakgotla a re go na le mananeo a ditiro tsa morafe, a a ka fa tlase ga Rural Areas Development Project (RADP), a morafe o ka kopanang le boeteledi jwa bone, ba dumalana gore motse wa bone o ka dira tiro efe e e ka tswelang motse mosola.
“Kwa metseng e e mabapi le lona, jaaka; Xere, Kedia le Khwee, ba na le ditiro tsa ditlhabololo tsa motse di tshwana le dikoporase, marekisetso a borotho gammogo le dipolasi. Banni ba metse e, ba dirisa ditiro tse go tlhabolola matshelo a bone le itsholelo ya metse ya bone,” ga bua Mothusa Tona.
Mo godimo ga moo, Mme Monnakgotla o rotloeditse banni ba Makgaba, bogolo jang banana le bomme, go dirisa mananeo a puso go itlhamela ditiro le go tlhabolola matshelo a bone. Mothusa Tona o tlhalositse fa bodirelapuso jwa Kgaolo-potlana ya Boteti le jone bo supile fa banni ba Makgaba ba saletse kwa morago mo go tseeng mananeo a puso.
“Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae le na le mananeo a le mmalwa, a a diretsweng go tlhabolola matshelo a Batswana. Ke le rotloetsa gore le eme ka dinao, le tseye mananeo a puso,” ga bua Mma Monnakgotla.
A gakolola morafe, go kopana le boeteledipele jwa metsana ya bone, ba ikgolagantse le ba khansele-potlana ya Boteti, ba buisana ka ditiro tse ba eletsang go di dira mo motseng wa bone.
Le fa go ntse jalo, mothusa tona o akgoletse komiti ya Ditlhabololo tsa motse wa Makgaba mogopolo wa yone wa go foroma ditena, ba di rekisa mo motseng, go itirela madi.
Kwa Mmea, Mothusa Tona o akgoletse banni ba motsana oo, go bo ba na le ditiro tse pedi tsa marekisetso a borotho le Lentswe Textile.
Ka jalo o rotloeditse bodirela-puso gore ba bereke le banni mo ditirong tse, gore ba ba thuse go dira kgwebo.
Fa go na le tiro ya puso (tender) a re go botlhokwa gore banni ba nne le tshiamelo ya go iteka lesego ka go tsenya ikopelo gore ba kgone go oketsa letseno la ditiro tsa bone. Maikaelelo a diphuthego tsa kgotla, tsa ga Mma Monnakgotla, ke go iponela ka fa banni ba tshelang ka teng, go tlhomamisa gore ba bona mananeo le ditirelo tsa puso sentle le go tsaya megopolo mo go bone gore mananeo a ka tokafadiwa jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAKGABA
Event : Phuthego
Date : 22 Jun 2022