Breaking News

Ba kopilwe go dira setlankana se sesha

22 Jun 2022

Modulasetilo wa lekgotla potlana la Kabo ditsha la Marapong, Rre Chief Mothakaja o kopile banni ba Nshakashogwe go ya go dira ditlankana tsa bditsha tse di tlhabolotsweng tsa boleng le tshireletsego e e kwa godimo. 

Rre Mothakaja o buile seo kwa phuthego ya kgotla kwa Nshakashogwe ka Labobedi. O kopile gore fa ba sena go dira ditlankana tse disha ba di somarela a supa fa go direlwa setlankana gape go lopa madi a mantsi a a kana ka P1500.

 O ne a kgala ba ba tsayang nako go tlhabolola ditsha tsa bone a re seo se baka dikgotlhang ka bangwe ba felela ba thatlaganngwa mo setsheng se le sengwe.

Modulasetilo o ne a gakolola go re ba ba dirang jalo ba tlola ditumalano tsa bone, ka setsha sa bonno se tshwanetse sa bo se tlhabolotswe mo dingwageng tse tlhano.

Rre Mothakaja o gakolotse ba ba ditsha tse di sa sekasekwang kana tse di senang dinomoro go ikopanya le ba lekgotla la kabo ditsha. A re gape ba leke go baya mekono mo ditsheng tsa bone, a re go tlhoka go baya mekono mo ditsheng ke nngwe ntlha e e neng ya paledisa batho ba ba neng ba sekaseka ditsha go lemoga ditsha tseo.

O ile a kopa banana go emisa mokgwa wa go rekisa ditsha, a re motho o abelwa setsha gangwefela,fa o se fetisitse go ile fela jalo ga o na go tlhola o bona se sengwe gape. Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Marapong, Rre Koketso Lesolebe a re setlankana se sesha seo ga se dirwe moriti ka jalo a ba kopa go se somarela.

Rre Lesolebe o ne a re mo molaong wa tiriso ya lefatsheng o mosha, fa o timeletswe ke setsha o lopiwa go duela P500 go re o kgone go se bontshiwa gape.

A re gape go ya ka thulaganyo ya setlankana se sesha, fa o dirile phoso go se baakanya ke P500, ka seo a kopa batho go nna keletlhoko ga ba tlatsa dipampiri tsa go fetola setlankana seo.

Banni ba ne ba ngongorega mabapi le kgang ya ditlhwatlhwa tse di tlileng ka molao o mosha wa tiriso ya lefatshe.

Rre Maxwell Moeti ene o ne o supile fa ba ne ba seka ba rerisiwa pele fa go fetolwa molao oo, a re seo se tlile go ba kokonela. Rre Mothakaja a re ga gona sepe se se dirwang ntle le therisanyo, a re ke ka moo ba ntseng ba tsweletse ba tsamaya le metse ba rerisanya le batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : NSHAKASHOGWE

Event : Phuthego

Date : 22 Jun 2022