Komiti ya ditlhabololo e lela ka dikoloto
21 Jun 2022
Komiti ya ditlhabololo ya motse wa Malwelwe mo kgaolong ya Letlhakeng/Lephephe e lela ka dikoloto tsa phiriso ya matlo a yone.
E rile modulasetilo wa komiti eo a afa pego mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Liakat Kablay ka Mosupulogo, a ntsha ngongorego ka bahirisi ba ba nnang mo matlong ntle le go duela.
Mme Baboletse Mokweni a re seo ke poelo morago mo go bone ka jaana madi ao a ba thusa go dira ditiro tse dingwe tsa morafe le gone go duela dikoloto tsa komiti eo.
Mme Mokweni a re ba dira maiteko a gore ba bone madi a bone mme ga go nko e tswang lemina, ka jalo ba kopa go thusiwa go bona madi ao.
Mo go tse dingwe mosulasetilo o ne a kopa mopalamente gore puso e simolole go akaretsa thuto ya tiro ya diatla kwa dikoleng tse dipotlana.
A re seo se ka nna mosola fela thata ka jaana ga se gore bana botlhe ba abetswe botlhale jwa ditlhaka mme bangwe ba abetswe jwa tiro ya diatla.
Mme Mokweni a re nako e tsile ya gore thuto ya tiro ya diatla e akarediwe go tswa kwa moding gore bana ba nne le go itlhophela gore keletso ya bone ya dithuto e kae.
O ne gape a kopa mopalamente gore ba okelediwe dipalo tsa Ipelegeng ka jaana banana ba sa bereke.
A re seo se supa gore ditiro di boutsana mme Ipelegeng e ba namola thata mo lehumeng.
Mme Mokweni a re Ipelegeng e letlelelwa go thapa batho ba le masome a supa le borataro mo Malwelwe mme ga go a lekana.
Mosulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Meshack Tshenyego o ne a rotloetsa komiti ya ditlhabololo go tseela bahirisi ba ba sa dueleng madi a phiriso dikgato.
A re o dumela gore fa ba tsena mo matlong ao ba a bo ba dirile ditumalano tse di tsepameng mme e bile di supa gore ba ya go berekisana jang le beng ba matlo.
Rre Tshenyego a re ka jalo go botlhokwa gore fa ba sa dire se se dumelwaneng mme e bile komiti e lekile ka gotlhe go batla madi ao, ba ba tseele dikgato tsa semolao.
O ne a kgothatsa ba ba dirang jalo go ipaakanya ka jaana ba kgoreletsa ditiro tse dingwe tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Mopalamente Kablay o ne a supa fa thuto e le botlhokwa mme sengwe le sengwe se dirwa ka thulaganyo.
A re thuto ya tiro ya diatla e mosola, ke ka moo puso e dirang ka gotlhe go rurifatsa gore dithuto tsa mofuta oo di teng mme di dirwa kwa dikoleng tse dikgolwane.
O ne a supa fa se morafe o se kopang e le se lephata la thuto le ka se sekasekang go bona gore go ka dirwa jang ka e le lenaneo le le ka buisanngwang pele gore le ya go bereka jang.
Rre Kablay a re seo ke mogopolo o montle ka jaana malatsi ano go le thata go bona ditiro mme fa ngwana a rutilwe go tswa bonnyeng go itirela ka diatla o ka dira tiro ka bo ene, a simolola kompone ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MALWELWE
Event : Phuthego
Date : 21 Jun 2022