Serowe ga a na ditshupo tsa temo-thuo mono ngwaga
21 Jun 2022
Komiti e e tsamaisang ditshupo tsa temo-thuo kwa Serowe ga e na go di tshwara monongwaga ka e sa kgona go kopa madi a thotloetso mo bagwebing le dibanka.
Bolwetse jwa COVID-19 le jone bo nnile le seabe ka bo kgoreleditse komiti go sianasiana e kopa dithuso.
Mo potsolotsong modulasetilo wa komiti eo, Rre Keletso Rakhudu, o boletse fa ba ne ba ntse ba thusiwa ke NDB le CEDA go tsamaisa ditshupo.
O tlhalositse fa ba sena letseno mme a bolela gore madi a ba nnang ba a dira ka ditshupo a felela mo go hiriseng ditante, dijo, dikatso tse ba di fang balemi-barui ba disupiwa tsa bone di fentseng mo phadisanyong le go duela ba ba berekang ka malatsi ao.
Rre Rakhudu o boletse fa ditshupo tsa bone di na le kgogedi e tona thata, selo se se solegelang bagwebi ka kakaretso molemo.
O boletse fa ditshupo tseo di kopantse temo-thuo le bojanala.
Go tla batho lefatshe ka bophara go tla go supa disupiwa tsa bone le go ijesa monate.
A re balemi barui ba arogana maele kwa ditshupong, ba rutana le go rekisetsana disupiwa.
O boletse fa e le nako e balemi- barui ba nnang le sebaka sa go rekisa leruo le dipeo mme ba bone madi a a botoka.
Mo mehameng e mengwe, o boletse fa ba dipalamo tsa setshaba ba amegile ka e le nako e le bone ba dirang madi.
O boletse gore ba ba tshelang leokwane le bone ka nako ya ditshupo ba rekelwa bobe ka gore barati ba ditshupo ba abo ba tsile ka makatlanamane go tla go ijesa monate.
Rre Rakhudu o ne a bolela fa bommaseapei le boraseapei mo bekeng eo ba dira madi a mantsi ka gore ba abo ba rekisa dijo ka go farologana le dinotsididi.
A re bagwebi ba diotela ba fa bontsi ja baeti maroko.
“Badiragatsi ba bo aba segetswe ka fa lehureng ba jesa batsena ditshupo monate, banana fa ba ratang teng,’’Rakhudu a tlhalosa.
A re gantsi ditshupo di tshwarwa mo bekeng ya ntlha ya Phatwe.
O boletse fa ba ipaakanyetsa gore ngwaga o o tlang ba tle ba tshware ditshupo.
A re mo sebakeng seno komiti e tlaa nna le nako ya go sianasiana e batla ba ba ka thusang nako e santse e le teng.
Mongwe wa balemi-barui wa masimo a Itsokokwane, Rre Legae Legae o boletse fa bolwetse jwa COVID-19 bo ba jeseditse mo lesweng.
A re ga ba a kgona go lema sentle e bile gape le diruiwa tsa bone tse dingwe di nyeletse ka ba ne ba nna mo serubing ka lobaka.
A re balemi ba ne ba isa dijalo kwa ditshupong kwa ba kgonang go inatswe diatla.
A re kwa ditshupong ba bona leruo le le tlhabolotsweng mme ba tsee malebela mo go ba bangwe ka go twe dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.
Dipoo, diphelehu, mekoko, dikolobe le diphoko tse di tlhabolotsweng di bonelwa gone koo.
Mme Sarah Dimakatso yo e leng mmaseapei o boletse fa go tlhoka go nna teng ga ditshupo go bolaile dikgwebo tsa bone ka beke ya ditshupo ba dira madimadi ka jaana batsena ditshupo ba aja kwa go bone bosigo le motshegare.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 21 Jun 2022