Go tlhoka go fetsa ditiro ka nako go a tshwenya
21 Jun 2022
Puso e tshwenyegile thata ka dikompone tsa mo gae tse di palelwang ke go fetsa tiro ka nako.
Kgang e e builwe ke mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi a buisa phuthego ya kgotla kwa Tamasane ka Mosupologo.
O tlhalositse fa a sa jesiwe diwelang ke tiro ya kago ya matlwana a boitiketso kwa sekoleng se sebotlana sa Tamasane.
A re puso e leka ka bojotlhe go nonotsha dikompone tsa Batswana gore di kgone go oba letsogo mme dingwe dikompone tsa mo gae ga di dire tiro ka tlhoafaloe bile ga di fetse tiro ka nako.
A re bangwe fa ba tsaya madi a a ntshiwang pele ga tiro e simolola mme ba tsene ka lenga la seloko.
Rre Molebatsi a re matlwana a boitiketso a a kwa sekoleng sa Tamasane ke nngwe ya ditiro tse di sa welang ka nako e bile di sa dirwa mo go nametsang. A re o tlaa tshwaraganela kgang e le mokhanselara le ba khansele go rarabolola bothata jo.
E ne e rile go le pele, morafe wa ngongorega ka matlwana ao ka a ise a ke a bereke fa e sale tiro ya teng e wela, ka jalo baithuti ba tsweletse ka go dirisa matlwana a mosima.
Rre Molebatsi o ne a lekola sekole seo go bona matlo a boitiketso a a sa berekeng ga mmogo le go bona tsela e e tlaa tsenngwang ditena ka lenaneo la madi a dikgaolo la CCP.
Mopalamente a re le fa banni ba Tamasane ba batla dithabololo ba tlhaloganye gore ditlhabololo di dirwa ka lenaneo, bogolo jang go lebilwe palo ya batho.
A re mo gongwe motse wa bone o felela o sa bone dithabololo ka bonako ka gore dipalo tsa batho di kwa tlase fa go tshwantshanngwa le metse e mengwe.
O tlhalositse fa palo batho ya monongwaga e supile fa palo ya batho mo kgaolong ya Mmadinare e sa oketsega thata.
A re Mogoditshane ke one o nang le dipalo tse di kwa godimo go fetisa metse yotlhe, selo se se belaetsang fa bana ba kgaolo ya Mmadinare ba baletswe kwa Mogoditshane le mafelo a mangwe.
O ba itsesitse fa kgaoganyo ya dikgaolo tsa botlhophi le yone e le mo tseleng mme le yone e dirwa jaana go lebilwe palo ya batho.
O rotloeditse banni go tla ba tsenelela phuthego eo ka Phatwe go ntsha megopolo ya bone.
Mo go tsa temo-thuo Rre Molebatsi yo e bileng e leng mothusa tona wa Temo-thuo o tlhalositse fa lenaneo la temo la ISPAAD le santse le emisitswe mme le tlaa emisediwa ka le lesha le le sa ntseng le felelediwa. A re morafe o tlaa itsesiwe ka lone fa le tsena mo tirisong.
Re Molebatsi o kaile fa puso e ne ya lemoga fa e dirisa madimadi mo lenaneong la ISPAAD mme thobo e tsweletse ka go ya tlase.
A re lenaneo le lesha le le tlaa thusa gore lefatshe leno le itirele dijo.
O kgothaditse balemi go dira dipeo tsa mabele a bogologolo a tshwana le a Marupaantse go oketsa thobo.
A re mabele a bogologolo a kgona go itsetsepela mo seemong sa loapi sa lefatshe leno, ka jalo dipeo tse di ka kgona go rekisediwa puso gore e di abele balemi ba bangwe.
Rre Molebatsi a re puso e ikaelela gape go tlhabolola mhama wa thuo ya dihutshane. A re ba matlhabelo BMC le bone ba okeditse ditlhwatlhwa le go duela barui ka nako e le thotloetso go barui go nonotsha thuo ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : TAMASANE
Event : Phuthego
Date : 21 Jun 2022